Dipolaano di tshwenya banni
22 Jul 2013
Ba kgotla yoo ra Tshosa kwa Serowe ba lela ka dipolaano tsa baratani tse di kekelang.
Ba kuile mokgosi o mo phuthegong ya kgotla e e neng e beditswe ke mopalamente wa Serowe bokone botlhaba gape e le tona wa itshireletso, Rre Dikgakgamatso Seretse ka Labotlhano. E rile modulasetilo wa komiti ya twantsho borukuthi mo kgaolong yoo-Tshosa, Rre Gapele Matheatau, a lekodisa, a tlhalosa fa ba wetswe ke seru sa dipolaano tsa baratani ntswa borukutlhi bo ile kwa tlase.
Rre Matheatau a re dintsho tse di neng tsa ba apesa ka kgwedi ya Seetebosigo di ne tsa ba tlama go tlosolosa phuthego ya kgwedi eo e tlhola letsatsi. A re dintsho tse ke tsa banana ba bolaya bakapelo ba bone mme morago ba ipolae.
Mongwe wa baagi ba motse, Rre Gaamangwe Keitshokile, o ne a re fa e sale a tsalwa ga a ise a bone ditiragalo tsa mofuta o, mme a ipotsa gore fa banana ba ipolaya jaana a ba tlaa kgona go nyalana. Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente, Rre Seretse a tlhalosa fa puso e bone go tshwanela go simolola tirelo setshaba ya sepodise.
Rre Seretse o tlhalositse fa tirelo setshaba ya mothale o e tlaa thusa go aga botho jwa banana gore ba ikgaphe mo ditirong tsa borukuthi le go tila dipolaano le ditlhapa. O tlhalositse fa baithaopi ba tirelo setshaba ba tlaa thusa ka go tsena mo malwapeng go rutuntsha batho ka mowa le boitshwaro jo bo letlelesegang mo setshabeng.
Mo go tse dingwe banni ba ne ba supa ngongora ka lenaneo la go busetsa bana kwa sekolong ba re le kgoba banana marapo ka bomogoloabone ba feditse dithuto kwa dikoleng tsa thutelo ditiro mme ba sa bone ditiro.
Mookamedi wa tsa thuto le tlhabololo dikitso wa kgaolo ya Serowe-Boteti Mme Bernadette Monagen o tlhalositse fa lenaneo la go busetsa bana dikoleng le tsweletse. Mme Monageng o tlhalositse fa diphetolo di tsweletse, a re nako dingwe di a diega go lebeletswe gore sekole se ngwana a ikopetseng kwa go sone se bulwa leng.
O ne a tlhalosa fa ba ba nang le dingongora ba ka ikopanya le bone kwa diofising mo Serowe go thusiwa nako e le teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moiseraela Lasarwe
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jul 2013






