Tlogelang go gopela lebala la ditshupo
22 Jul 2013
Batho ba kgaolo ya Mahalapye ba kopilwe go tlogela go gopela lebala la ditshupo ka e le poelo morago mo tlhabologong ya motse wa bone.
Fa a rola pego ka komiti ya ditshupo, modulasetilo wa komiti e e neng e baakanyetsa ditshupo, Rre George Mogotsi o kaile fa a tshwenyegile ka ba ba ikanetseng go senya kwa lebaleng la ditshupo la Mahalapye.
Rre Mogotsi o buile jalo kwa ditshupong tsa kgaolo ya Mahalapye tsa mafelo a beke. O tlhalositse fa komiti ya ditshupo gangwe le gape e berekela mo kgamelong e e dutlang ka maiteko a yone a senyelediwa ke bo maja polaelo.
A re e sale ba simolola go tshwara ditshupo ka ngwaga wa 2008, ba bereka go reka terata ya lebala la ditshupo ngwaga le ngwaga. A re fa ditshupo di fela batho ba gopela terata, mme e nne poelo morago. A re megotlha ga e nne teng, le dipompo tsa metsi ka di a tsewa, mme ngwaga e e latelang ba tshwanelwa ke go simolola sesha.
Rre Mogotsi o ne a kopa botsadi go sa amogeleng dilwana tse bo sa itseng gore di tswa kae, e bile ba thuse go fedisa borukhuthi jwa go nna jalo. O boletse fa keletso e le gore ba ka bo ba tsentse motlakase, mme fela ba kgorelediwa ke ba ba ba busetsang morago ka go thukutha gammogo le letlhoko la madi. O ne a kopa kemonokeng ya morafe wa kgaolo le makgotla a a ikemetseng ka nosi, go thusa.
Ditshupu tseo di ne di bulwa semmuso ke mogolwane wa banka ya Barclays Rre Calistus Chijoro a na le bagolwane ba kgaolo ya Mahalapye ba ba neng ba akaretsa molaudi wa kgolo Rre Bakuedi Masole, mokwaledi wa kansesele Rre Mozondic Moswete, dikgosi le makhanselara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Ditshupo
Date : 22 Jul 2013






