Breaking News

Go tshela yo o dithetsenyana

22 Jul 2013

Motswana o rile mokoduwe go tsosiwa yo o itekang, mme monana yo o neng a reetsa lefoko le, ke Rre Oteng Gaongalege wa Salajwe. 

Rre Gaongalege o itshetsa ka go suga matlalo le go dira dikgole. Ke monana yo o sa berekeng mme o itshetsa ka go dira ka diatla fela. O tlhalositse fa e rile a sena go fetsa dithuto tsa gagwe tsa mophato wa botlhano dingwaga tse di lesome tse di fetileng a nna le kgatlhego ya go suga matlalo le go dira dikgole.

O supile fa kgwebo ya matlalo e na le theko fela e e nametsang ka a fiwa matlalo mahala ke baagi ba Salajwe le metsana e e mabapi fa go le dintsho le manyalo le mekete e go tlhabiwang dikgomo ka yone. O tlhalositse fa a dira ditilo tsa dikgole le dikgole, mme a tlhalosa fa a na le kgatlhego ya go tsena dithuto tsa go suga matlalo gore a tswelele a dire tse dingwe di akaretsa ditlhako,dibeke le dingwe tse di ka dirwang ka matlalo.

Rre Gaongalege a re o tsere botsipa jwa go suga matlalo mo batsading ba gagwe. O tsweletse a gakolola banana ba ba nang le botsipa mo go direng ka diatla go seka ba tlhabiwa ke ditlhong go dira tse ba di kgonang ka di ka ba namola lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 22 Jul 2013