Breaking News

Ba ngongorega ka tiego ya ditlhabololo

14 Jan 2013

Mopalamente wa Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay, o tsweletse ka go tshwara diphuthego tsa kgotla kwa kgaolong ya gagwe, go lekodisa setshaba ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng. E rile a le mo phuthegong kwa Letlhakeng, banni ba motse oo ba ngongorega ka tse di farologaneng jaaka tiego ya ditlhabololo.

Dingwe tsa ditlhabololo tse banni ba ngongoregang ka tiego ya tsone ke dipone tsa mo mekgwatheng le go tshelwa sekonotere ga ditsela tse di mo motseng.

Mothusa modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo tsa motse, Rre Oitlogetse Tinye, o ne a supa matshwenyego a tiego ya go baakanya ntlo ya komtiti ya ditlhabololo tsa motse e e kwa mabaleng a ditshupo, e e sentsweng  ke diphefo.

O ne a kopa gore kokelo ya motse oo e rekelwe sefetlha motlakase, go itsa go nna le bothata ka jaana kokelo eo e na le ditirelo tse di masisi jaaka go belegisa.

Mopalamente Kablay o ne a bolelela batsena phuthego fa thendara ya go tokafatsa ditsela tsa mo mokgwatheng ya motse e le gaufi le go abiwa.

O ne gape a re go tlaa agiwa matlo a bana ba sekole kwa Mphuthe monongwaga. Rre Kablay o ne a lekodisa setshaba ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng jaaka molao kakanyetso wa botsogo.

O ne a ba lekodisa le ka magatwe a madubedube kwa Botswana Meat Commission. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thabang Tlhomamisang

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jan 2013