Breaking News

Tcheko o tshwerwe eng

21 Jul 2013

Lekgotla la motse wa Tobera kwa kgaolong ya Okavango, le na le dingwaga di le lesome le kwadisitswe mme ga le ise le supe epe tiro. 

Modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Hakoka Xhoro, o boleletse BOPA gore sekgoreletsi se segolo mo lekgotleng leo ke go tlhoka lefatshe, ka ba sa ntse ba emetse go abelwa setsha mme e bile ka ntlha ya go tlhoka setsha, ga ba kgone go bona diteseletso tsa go tsamaisa kgwebo ya bojanala.

 O ne a tswelela ka go tlhalosa gore bangwe ba ba neng ba ba solofeditse thuso ya madi, ba kile ba ba kopa go kwala molao-mothao mme ba dira jalo fela ba engwe mometsong ke gore e rile ba letile setsha ka tsholofelo, ba lekgotla la kabo ditsha ba ba itsese gore go ajwa ga ditsha go sa ntse go emisitswe.

 O ne a tlatsa ka gore go emisiwa moo go ba tlhokisa maano. 

Rre Xhoro o supa gore maikaelelo a bone e ne e le go tsamaisa lekgotla la motse le le bonalang, fela jaaka makgotla a metse e mengwe kwa kgaolong eo, a Khwai, Mababe le Sankoyo, a a thusang merafe ya one mo go tsa itsholelo fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 21 Jul 2013