Ba Legononong ba itumelela borogo
21 Jul 2013
Baagi ba kgotla ya Legononong ba kaile fa ba ntse ba sa kgone go tsamaya ka dinako tsa dipula, ba tlhalosa fa molapo o o mo tikologong ya bone o ne o ba kganela go tlola, ka jaana go ne go se na borogo.
Ba buile seo fa khansele ya Kweneng e ne e ba rolela borogo semmuso bosheng, jo bo agilweng ka P1,2 million.
Baagi ba tlhalositse fa ba ntse ba tsamaya sekgala se seleele ba latela kwa ba ka tlolang teng ba ya ditirong, ba tlatsa ka gore go ne go le diphatsa mo baneng ba dikole ba bannye, ka ba ne ba ka tsewa ke molapo oo.
Kgosana ya kgotla ya Mokgopeetsane, Rre Benjamin Ochuizen, a re borogo joo bo tlaa thusa batho ba ba tsamayang ka dinao mmogo le bakgweetsi ba dikoloi go tlola molapo.
Kgosana Ochuizen o rotloeditse batsadi go nna kelotlhoko mo baneng, a tlhalosa gore go ka nna diphatsa fa ba ka leselediwa go tshamekela mo borogong joo.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Tshenolo Leshomo, o kgothaditse baagi ba Legononong go tlhokomela borogo joo, a re ba netefatse gore ga go na tshenyo e e diragalang.
Mongwe wa badiri ba khamphani ya Supa Flax Investment, e e neng e aga borogo joo, Rre Edgar Mothibi, o tlhalositse gore ba simolotse go bo aga ka Phukwi ngogola, mme a re kgwetlho e tona e ne e le metsi a a neng a tswa kwa tlase ga lefatshe, a kaya gore e ne ya re fa ba gogile metsi, letsatsi le le latelang ba fitlhele a mangwe.
A re dipula le tsone di bakile tiego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Koogoditse
Location : Molepolole
Event : Tholo semmuso
Date : 21 Jul 2013






