Breaking News

Lwantshang tshenyetso setshaba

21 Jul 2013

Tshenyetso setshaba e ka kgautlhanya itsholelo ya lefatshe leno fa Batswana ba sa eme puso nokeng go e lwantsha.

Fa a tshwere phuthego ya kgotla kwa Tamasane bosheng, mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone, o ne a rotloetsa morafe go ema puso nokeng, go lwantsha tshenyetso setshaba.

A re tshenyetso setshaba ga se ya madi fela mme e kgona go tla ka methale e e farologaneng.

 O file sekai sa  gore mongwe wa methale eo ke tiriso botlhaswa ya didirisiwa tsa puso le go sa tleng tirong, go se na mabaka a a tsepameng.

A re fa mmereki a sa theogele sentle, o senyetsa setshaba ka gore o duelwa ka madi a setshaba mme a sa a fufulela.

O rotloeditse morafe wa Tamasane go leletsa nomoro ya mahala ya 0800600968, go bega dikgang tsa tshenyetso setshaba ga mmogo le dilo tse di dirwang ka tshokamo kwa motseng oo.

Rre Gaborone o tlhalositse fa lefatshe leno le sa ntse le tlhaelelwa ke madi a go dira ditlhabololo dingwe, a re go botlhokwa gore metse e ipelege mo go tse dingwe.

 A re ka ntlha ya tlhaelo e, komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go diragatsa ditlhabololo dingwe ka madi a yone.

A re dikomiti dingwe tsa  ditlhabololo, ga di duelwe matlo a tsone sentle, ka jalo go nna thata gore di diragatse maikaelelo a tsone.

A re go botlhokwa gore ba ba filweng matlo a go nna jalo ba a duele sentle gore komiti e kgone go dirisa madi ao, go shafatsa matlo le go dira ditiro tse dingwe.

Fa a ama dikgang tsa thuto, a re motsadi mongwe le mongwe o eletsa gore ngwana wa gagwe a rutege mme a tlhalosa fa se se ka diragala fela fa batsadi ba ka kopanela thuto ya bana ba bone le barutabana.

A re lekgotla la batsadi le barutabana le botlhokwa fela thata ka le fa bobedi joo sebaka sa go buisana ka thuto ya bana, a rotloetsa batsadi go tsenelela diphuthego tsa lekgotla le.

A re batsadi ba tshwanetse go itse ka madi a a abetsweng sekole go dira dipaakanyo gammogo le go ntsha megopolo ya go direla sekole madi.

Mothusa molaodi wa Palapye, Mme Segametsi Koontse, a re morafe wa motse oo o tswa kgakala o lela ka letlhoko la mophepafatsi kwa kgotleng, a tlhalosa fa seemo seo se baakantswe, ka bosheng jaana go thapilwe mophepafatsi le fa e se wa sennelaruri.

 O tsweletse ka go tlhalosa gore komiti ya ditlhabololo e ne e kopile go baakanngwa ga ntlo ya LA2 mme a tlhalosa fa go sa ntse go se na madi, ka jalo a neela komiti ya ditlhabololo ya motse wa Tamasane mogopolo wa go dirisa madi a matlo go baakanya ntlo eo.

 Mme Koontse o tlhalositse le gore kokelwana ya Tamasane e sa ntse e se na koloi e e tsayang balwetse, ka jalo e dirisa koloi e le nngwe le metse ya Diloro, Maokaatuma le Mogapi.

A re palo ya baoki kwa kokelwaneng eo e okeditswe go nna bobedi.

O tsweletse ka go sedimosa gore ba Botswana Post ga ba ka ke ba aga poso kwa Tamasane jaaka morafe o eleditse, ka gore go na le poso kwa Maokaatuma, e e nang le mabokoso a ka nna makgolo a mabedi mme mo go one, go dirisiwa a le masome mabedi le boraro fela.

A re ka jalo ba poso ba rotloetsa morafe go dirisa poso e e kwa motseng wa Maokaatuma le go reka mabokoso teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 21 Jul 2013