Mogolwane o ganetsa balwetse
21 Jul 2013
Mogolwane mo kokelong ya Mahalapye, Mme Boingotlo Matlho o ganeditse dingongorego tsa balwetse ba ba reng ba ne ba laelwa go boela kwa malwapeng ba sa bona thuso ka jaana go twe dingaka di a tlhaela.
Mme Matlho o ganeditse magatwe ao morago ga balwetse ba ba akaretsang Rre Moamodi Moseki, Rre Seven Raditau le Mme Baboloki Kadimokwa ba iteela BOPA kwa Mahalapye mogala ba ngongoregela go tlhoka go thusiwa ka kalafi ntswa ba sale ba rwele masigo ka tlhogo go ya go bona bongaka.
A re e re ntswa go na le tlhaelo ya bodiredi fale le fale, gone ga go na letsatsi lepe le balwetse ba tleng ba busediwe kwa malwapeng ba sa bona thuso ka jaana ba na le dingaka di le masome mabedi le bobedi, tse mo go tsone go nang le bo matwetwe ba le lesome le botlhano ba ba lebaganeng le go thusa balwetse letsatsi le letsatsi.
Mme Matlho o boletse fa balwetse ba na le tshwanelo ya go ikopanya le botsamaisi jwa kokelo fa go na le badiri bangwe ba kokelo eo ba ba ka tswang ba ba latlhelela kana ba sa ba thuse ka fa tshwanelong.
A re fa go na le makgwere mangwe mo kokelong ba kgona go a lekodisa balwetse gore ba nne ka kitso.
Mme Matlho o tlhalositse fa kokelo ya Mahalapye e amogela balwetse ba ba tswang mo metseng ya Shoshong, Kalamare, Mokgenene, Mookane, Dibete le Mmaphashalala fa ba ba tswang mo dikgaolong tsa Francistown, Tonota, Bokone botlhaba, Bobonong le Maun e le ba ba tsileng go bona ngaka ya marapo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jwabeng
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 21 Jul 2013






