Breaking News

Ba kopiwa go ikemela ka dinao

14 Jan 2013

Banni ba kgaolo potlana ya Okavango ba kopilwe go ipaakanyetsa go bula dikgwebo, go itepatepanya le matshwititshwiti a batho a a tlaa okelwang  kwa Shakawe ke go bulwa ga sekole se segolwane.

Mookamedi wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso kwa kgaolong ya bokone bophirima, Rre Acronews Maseko, a re go bulwa ga sekole seo ga go tsisetse batho ba Shakawe thuto fela mme go tlaa tlhamela bangwe ditiro le dikgwebo.

O buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulaganyeditswe go rolela banni sekole seo bosheng.

A re ke nako ya gore ba shafatse matlo kgotsa ba age a masha go a hirisetsa ope yo o tlaa bong a tlhoka boroko mo motseng oo ka jaana dipalo tsa batho di tsweletse ka go golela pele.

A re mo nakong ya gompieno, ba solofetse bana ba sekole ba le 668 le barutabana ba le 83, mme a re dipalo tseo di tlaa oketsega. Rre Maseko a re ditirelo jaaka go sireletsa dikago tsa sekole, go phepafatsa, le go apaya, di tlaa abelwa bagwebi.

A re o tlaa netefatsa gore lenaneo la puso la go akaretsa ba ba kgakala le ditlamelo  mo mananeong a puso a go inamola lehuma, le a dirisiwa mo khirong ya badiri ba sekole seo  gore le bone ba kgone go oba letsogo.

Ka go lemoga fa dipalo tsa batho di tlaa ya magoletsa mo ebileng go ka hupetsa kokelwana ya motse wa Shakawe, a re puso e solofeditse go dirisa dikago dingwe tsa sekole jaaka kokelwana go dira gore bana ba sekole ba se ka ba tsaya sekgala se se leele go latela dithuso tsa bongaka. O kopile bagwebi gore ba se ka ba rekisetsa bana ba sekole seo se se lopileng P635 million  diritibatsi, a re go dira  jalo ba tlaa bo ba senya bokamoso jwa bone.

O ne a kopa batsadi go rotloetsa bana ba ba ka neng ba sa fetsa sekole sentle go inaakanya le lenaneo la puso le lesha la go ba busetsa sekoleng. BOPA

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : Maun

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jan 2013