Breaking News

Le arameleng le santse le tlhabile - Seretse

21 Jul 2013

Tona wa Lephata la iItshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse, o kopile baagi ba dikgaolwana tsa Mauba le Rakgomo kwa kgaolong ya Serowe Bokone Botlhaba, go fetola megopolo le dikakanyo tsa bone.

Tona Seretse o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla, tse a neng a di tshwere kwa dikgotlaneng tseo mo bosheng.

O tlhalositse fa puso e dira ka bojotlhe go tlhabolola Batswana mme jaanong go saletse bone go itlhabolola, go dirisa mananeo a puso.

O ne a tlhalosa gore puso e dira ka gotlhe go tlhabolola balemi barui ba lefatshe leno mme bone ba e bone, a a fa sekai ka lenaneo la LIMID, le puso e le dirileng go tlhabolola temo.

A re ke balemi barui ba se kae fela ba ba bonang bomosola jwa lenaneo le, a tlatsa ka gore ke nako ya gore Motswana mongwe le mongwe a ikakanye gore tsela o tsaya efe.

Rre Seretse a re mathata ke gore Batswana ba dule mo moweng wa bojammogo, go tshedisana, lerato le kagiso.

A re selo se, se dira le gore batho ba ikgatholose ditlhabololo ka ba se na mowa wa lerato le go dirisana.

O ne a kopa batsenelela diphuthego tseo, go boela kwa morago go itshekatsheka.

Rre Seretse a re Batswana ba setse ba fetogile bangongoregi fela ba batona e bile le dithuso tse puso e ba di tsisetsang mo go bone ke tshwanelo.

A re lenaneo la Ipelegeng le diretswe go ba thusa, ga se tiro e bile ke lone le puso e lekang go ba thusa go tswa mo lehumeng ka dikatso tse ba di fiwang.

A re banana, ba ka ithusa ka mananeo a mme ba felele ba thusitse ba bangwe ka go ba tlhamela ditiro.

O ne a tlhalosa fa puso e dirile mme go saletse Batswana le banana ka kakaretso go amogela le go dirisa mananeo.

A re go lemotshegile gape gore bonnyenyane jo bo amogelang mananeo a, bo sa a dirise sentle ka fa tshwanelong mme a kopa diphetogo.

Rre Seretse a re ke tiro ya bone e le baeteledipele, go ruta setshaba ka bomosola jwa go fetoga le go fetola maitshwaro a bone.

A re ke nako ya go ruta batho, e seng go tlhola go builwe fela ka ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jul 2013