Breaking News

Mapodisi a ntshitse setopo mo Thamalakane

19 Jul 2013

Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone serepa sa mme mongwe yo o dingwaga di masome mararo le boraro se ntshitsweng mo nokeng ya Thamalakane ka Tshipi mo mosong.

Mothusa mookamedi wa mapodisi a Maun, Superintendent Boreseletse Papane o boletse fa moswi a tlholega mo kgotleng ya Meno kwa Maun.

A re mme yoo o ne a bolelela ba lelwapa la gagwe gore ga a ikutlwe sentle e bile o a sha ka nako ya bone mo mosong, mme a tswela kwa ntle, ba lelwapa ba seka ba ela tlhoko gore go ka tswa go diragala eng mme ya re phakela ba mo tsaya ka motlhala.

A re ba ne ba tsamaya go fitlhelela kwa nokeng ya Thamalakane kwa ba fitlhetseng diaparo tse a neng a di apere di beilwe fa thoko ga noka mme ba begela mapodisi.

O tlhalositse fa go sa ntse go le thata go ka bolela gore go ka tswa go diragetse eng fa mme yoo a tsena kwa nokeng ka jaana le bone ba sa ntse ba le mo ditlhotlhomisong. Maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsisiwe.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Superintendent Papane o ne a bolela fa ba le mo patlong ya rre mongwe yo go belaelwang a intshitse sebeteledi mme a lalela bomme ba ba tshaisang bosigo. A re selalome seo se kgama batho se ba tswa kwa morago mme se itseele dikobo ka dikgoka le tsotlhe tse ba di tshotseng.

A re bomme ba feta bobedi ba setse ba amilwe ke tiragalo eo, a tlatsa ka gore wa ntlha ke mme yo o dingwaga di masome mabedi le borobabobedi wa kgotla ya Shashe.

O tlhalosiste fa mme yoo a ne a tshaisa ka nako ya boferabobedi bosigo mme ya re a re o tsena golo gongwe kwa a tlogelang ngwana teng a utlwa motho a mo tshwara kwa morago mme a itseela dikobo ka dikgoka, a ba a mo tseela le dilwana tse a neng a di rekile tsa P170.

O tlhalositse fa mo tiragalong e nngwe mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe wa kgotla ya Bombadi le ene a ne betelelwa a bo a tseelwa P70 le mogala wa lotheka pele ga seganka se le botsa phokoje.

Superintendent Papane o kopile bomme, segolo jang ba ba tswang ditirong bosigo gore ba seka ba ne ba tsamaya ba le bosi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : potsolotso

Date : 19 Jul 2013