Komiti ya ditlhabololo e tlhoka boineelo
18 Jul 2013
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotlana ya Ramokgatla kwa Serowe, Rre Mothoagae Mothoagae a re bodiredi jwa komiti bo tlhoka boineelo.
O boletse mo potsolotsong gore komiti ya ditlhabololo tsa motse ke palamente ya motse, ka jalo e tshwanetse go tlotlwa.
A re o tshwenngwa ke gore mangwe a maloko a komiti eo ga a supe boineelo mo tirong, ka a sa tle ka nako mo tirong le go tlhoka go tla diphutegong tsa kgotla, a tlatsa ka gore seemo se ga se supe boikarabelo jwa go direla setshaba.
A re tlhopho ya komiti e, e mosola fela thata, ka jalo e tshwanetse go dirwa go setswe ditsela dingwe tsa go netefatsa fa bodiredi bo tsepame go etelela komiti pele.
Rre Mothoagae a re bokgoni jwa go bala le go kwala le dithuto dingwe tse di tlhokegang, di ka tlhomamisa gore boeteledipele e nna jwa maemo a ntlha le go dira sentle ga komiti.
Le fa go ntse, Rre Mothoagae, yo a leng mosha mo maemong a bodulasetilo, a re o ikaelela go netefatsa gore kgotla ya bone e itlhoma kwa pele mo ditlhabololong le go dirisana le morafe sentle.
Mo go tse dingwe, o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le rotloetsa banana go tlogela dikole, ntswa le tlhametswe bagolo go itshetsa ka lone.
Modulasetilo o tsweletse ka go tlhalosa fa banana ba sa dire sentle mo ditirelong tsa lenaneo la Ipelegeng ka ba bereka ka go salwa morago e bile ba le boitseme mo tirong.
O kopile banana gore ba lese go inaakanya le Ipelegeng ka ba sa ntse ba na le tshiamelo ya mananeo a mangwe a puso, go balelwa le la go boela kwa sekoleng ka gore dingwaga tsa bone di sa ntse di le kwa tlase.
Rre Mothoagae a re ba eletsa gore Ipelegeng e ka tlhamelwa ditiro tse di ka dirang dipoelo jaaka go rekisa ditena. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Balefeng Motube
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 18 Jul 2013






