Goya o kopa bakereki go tlhopha
18 Jul 2013
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o rotloeditse maloko a kereke ya Fire Aglow Ministries kwa Palapye go tsaya karolo mo ditlhophong.
Fa a bula bokopano jwa kereke eo kwa kgotleng ya Madiba bosheng, Rre Goya o ne a tlhalosa gore tlhopho ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe, ka jalo go le botlhokwa gore ka nako ya ditlhopho ba diragatse tshwanelo ya bone.
Le fa go ntse jalo, a re go na le dikereke tse di itsang maloko a tsone go tlhopha, a re go tlhopha go tla fa maloko sebaka sa go tlhopha baeteledipele ba ba ba eletsang. A re se a se eletsang ke go bona maloko a kereke ya Fire Aglow a tsaya karolo mo ditlhophong go sa kgathelesege gore ba itlhophela mang.
Mo go tse dingwe, Rre Goya a re puso e na le kgwetlho ya tlhaelo ya lefatshe ka jalo dikereke di na le bothata jwa mafelo a di rapelelang mo go one. A re se se bakiwa ke gore dikereke di dintsi fela thata ka jalo go nne bokete gore puso e di abele lefatshe mo nakong e khutshwane.
A re dikereke di ka nama di dirisa dikole le matlo lehalahala a a kwa motseng wa Palapye go rapela ba sa ntse ba emetse go bewa ditsha.
Le fa go ntse jalo, a re puso ga e ka ke ya emisa go ntsifala ga dikereke, a tlhalosa fa go se na molao o o itebagantseng le go ntsifala ga dikereke. A re matshwenyego a gagwe ke gore se e leng botho le serodumo sa Batswana se wela tlase ntswa tsholofelo e le gore tse di gole jaaka dikereke di tsweletse ka go ntsifala.
A re puso e tshwenyegile thata ka dikereke tse di thubegang kgapetsakgapetsa mme morago di ikemele ka nosi. A re se gantsi se bakiwa ke go tlhoka boikanyego ga baruti a tlhalosa fa baruti bangwe ba ikgagapelela madi a meneelo.
A re moruti ga tshwanela go amana gope le madi, mme a tshwanetse go begelwa fela ka one. Rre Goya o tlhalositse fa lefatshe leno le tlhaetswe mo tumelong ka jalo kereke e tshwanelwa ke go thusa puso go tsibogela dikgang tse dingwe tse di diragalang mo lefatsheng leno.
A re kereke e tshwanetse go dira gore tumelo e se ka ya nyelela, a tlhalosa fa dikereke di tshwana tsa UCCSA le Roma di agile dikole, ka jalo a gatelela gore tshwaragano ya dikereke le puso e botlhokwa. A re dikereke di tshwanetse go bua ka lentswe le le lengwe di kgala dipolaano tsa baratani, kgokgontsho, petelelo, tiriso ya puo ya lekgobo, lesotlo, borukutlhi le go senya boimana ga banana. A re Bakeresete ba nnete ba tshwanetse go kgala ditiragalo tsa mofuta o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Palapye
Event : Bokopano jwa kereke
Date : 18 Jul 2013






