Balemisi ba tlhaelelwa ke didirisiwa go lwantsha seboko
14 Jan 2013
Mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Ngwaketse Bophirima, Rre Gaone Mmusi o boletse fa didirisiwa tsa bone tse di lwantshang seboko sa segopa se se tlhasetseng masimo di tlhaela.
O boletse mo potsolotsong gore ba simolotse go utlwalela seboko se mo kgaolong ya bone ka Mosupologo wa beke e e fetileng, mme ba ema ka dinao go dira ditlhotlhomiso.
A re ba ntse ba dirisa digasi tse di belegwang mme masimo one a le matona, ka jalo seboko se a ba sia. Le fa go ntse jalo a re ba ne ba simolola go dirisa segasi se se pegwang mo terekereng ele maiteko a go oketsa mosepele gore ba kgone go gasa chefi ka bonako
A re ere ka jaana tshenyo ya seboko se ele e kgolo ebile se le bonako, molemi a le nosi ga a kake a se kgona ke sone se puso e tsentseng letsogo go thusa balemi.
A re ere ka jaana bodiredi le jone bo tlhaela, o rotloeditse balemi ba bangwe ba ba tlhasetsweng ke seboko seo go adima digasi mo pusong gore le bone ba tswelele ba ithusa.
Rre Mmusi o tsweletse ka go tsibosa batho gore ba seka ba bapala moretlwa gaufi le tshimo e e sa tswang go gasiwa mo selekanyong sa malatsi a le lesome le bone ka jaana chefi e e dirisiwang ele borai.
Mo kgaolong ya Ngwaketse Bophirima, seboko se sa segopa go bolelwa se setse se utlwalelwa kwa dikgaolwaneng tsa bolemisi tsa Naledi, Pitseng, Sese, Ralekgetho le Sesung.
Mongwe wa balemi ba seboko se tlhasetseng tshimo ya gagwe kwa masimong a Naledi, Rre Dickson Mpudi a re o lemogile seboko seo kgwedi e robabobedi ka jalo balemisi ba ne ba se tsibogela se santse se le mo dithoko.
A re e re ntswa seboko seo se seke se emisa go ja dijwalo, se nna sentsi thata bosigo ka jalo tshenyo e ntsi e diragala bosigo.
Molemi yo mongwe wa masimo a Pitseng Rre Monyadi Sokane a re ene o bone ntshe e a neng a e lemile e nyelela mo tshimong mme ya re a leba ka kelotlhoko a fitlhela e jewa ke seboko.
A re maitemogelo a gagwe ke gore seboko se se ja tlhaga pele ga se tsena mo ntsheng, mme morago se inaakanye le mmidi.
A re ere ka jaana balemisi ba ise ba kgone go tla go mo thusa, o bona fa a tla a dika a sa roba sepe ka jaana tshenyo ya seboko se ele kgolo.
Seboko sa segopa go bolelwa fa se e ja lesika la bojang thata, le akaretsa tlhaga, ntshe, bojang le mmidi. ENDS
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Jwaneng
Event : Interview
Date : 14 Jan 2013






