Dipodi tsa Batswana di bonwe kwa Aferika Borwa
17 Jul 2013
Mookamedi wa mapodisi a Ramatlabama, Superintendent Tshegofatso Mokumakwa o ikuetse mo baruing go tlhokomela leruo la bone.
O boletse mo potsolosong gore go tshwerwe banna ba le bararo ba lefatshe la Aferika Borwa mabapi le dipodi tse go belaelwang e le tsa Batswana kwa motseng wa Litchtenbug.
A re borre bao ba sa ntse ba tshegeditswe ke mapodise a Lehuretshe gone kwa Afrika Borwa a tlatsa ka gore dipodi tseo di masome a supa le bongwe mme di akaretsa diphoko di le pedi.
O ne a tlhalosa gape gore go belaelwa fa dipodi tseo di ka tswa e le tsa barui ba metse ya Ramatlabama, Rakhuna, Tlhareseleele le Pitsane.
Superintendent Mokumakwa o laleditse barui ba metse eo go ikopanya le ba ofisi ya bone kwa Ramatlabama go tla go bona gore a leruo leo ga se la bone.
A re Batswana ba tlhokomele leruo la bone segolo thata dihutshane tse a tlhalositseng fa di bone mmaraka kwa Aferika Borwa a tlatsa ka gore podi e le nngwe fela teng e rekisiwa R3 000.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : RAMATLABAMA
Event : Potsolotso
Date : 17 Jul 2013






