Paakanyo moletlo e tsweletse
17 Jul 2013
Dipaakanyo tsa letsatsi la mafatshefatshe la go bala le go kwala di tsweletse. Letsatsi le le tlaa bo le ketekelwa kwa Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng.
Kgang e e begilwe ke mogolwane wa thuto ga e golelwe, Mme Malebogo Lechila mo phuthegong e e neng e tshwerwe kwa Letlhakeng. Mme Lechila o tlhalositse fa lephata la thuto ga e golelwe le tlaa ketekela letsatsi la mafatshefatshe la go bala le go kwala Lwetse a tlhola malatsi a le lesome le bone.
O tsweletse ka go tlhalosa gore ba bone go le botlhokwa gore ba tle go keteka le go ipelela letsatsi le kwa Letlhakeng ba lebeletse gore kgaolo ya Kweneng bophirima ke yone e e amilweng ke go nna le palo ntsi ya batho ba ba sa rutegang.
Mme Lechila o tlhalositse fa dikomiti di setse di tlhophilwe ka go farologana tse di tlaa baakanyetsang letsatsi le. O kopile batho ba Letlhakeng le tikologo go tsenya letsogo mo go rulaganyetseng moletlo, a tswelela ka go supa fa ba ikemiseditse go dira ka bonatla le botswerere go tshwara moletlo wa maemo a a kwa godimo.
Mogolwane mongwe wa lephata, Mme Ausi Kgosiyang o tlhalositse fa baithuti ba tlaa nna le sebaka sa go supa bokgoni jwa bone ja tiro ya diatla. O tlhalositse fa ba ba ithutang go bala le go kwala ba tlaa tsena dikgaisano tsa go kwala dipolelo. Mme Kgosiyang o kgothaditse batsena phuthego go rotloetsa baithuti ba bone ka tsotlhe tse ba ka di kgonang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya go rola megopolo
Date : 17 Jul 2013






