Breaking News

Ba le babedi ba tlhokafetse

17 Jul 2013

Banna bangwe ba le babedi ba tlhokafetse kwa mafelong a a farologanyeng mo kgaolong ya Bobirwa.

Mogolwane wa sepodise sa Botswana kwa Bobonong, Superintendent Wazha Mbikiwa o boletse mo puisanong fa monna mongwe a tlhokafaletse mo kokelong potlana ya Bobonong ka Labobedi morago ga gore koloi e a neng a tsamaya ka yone le babangwe e thulane le e nngwe mo tseleng ya Lepokole/Bobonong bosheng.

Rre Mbikiwa a re monna yoo o ne a na le ba bangwe ba babedi ba tsamaya ka koloi ya Toyota Hilux e e neng ya thulana le ya Dyna e e neng e na le bapalami ba le bane go balelwa mokgweetsi mme batho ba le babedi ba bona dikgobalo tse di potlana mo go ya hilux mme ba alafiwa ba bo ba gololwa, fa ba ba neng ba tsamaya ka Dyna bone ba le babedi ba bone dikgobalo tse di masisi.

A re batho bao ba robaditswe kwa dikokelong tsa Nyangagwe le Mahalapye. Rre Mbikiwa o bolela fa mo tiragalong e nngwe go fitlhetswe setopo sa monna yo o dingwaga di masome  mararo le borataro se akgega mo ntlong ya gagwe mo  lelapeng la ga bone kwa kgotleng ya Mabeleng kwa Bobonong kgwedi e no e le lesome.

A re go utlwala fa moswi a bonwe ke ba lelwapa la gagwe mosong wa letsatsi leo mme ba ne ba begela mapodisi.

A re setopo se letetse go tlhatlhobiwa ke dingaka kwa kokelong potlana ya Bobong, maina a baswi ka bobedi a sa ntse a lobilwe go fitlhelela go itsisiwe ba losika, mme ga ba ise ba itse se se ka tswang se bakile gore monna yo o ikaleditseng a ikgapele botshelo.

Mo dikganyeng tse dingwe, Rre Mbikiwa a re ba tlhotlhomisa dikgang tsa thubetso di le pedi tse di diragetseng kwa mafelong a a farologaneng mo kgaolong e o.  A e ba tshegeditse monna mongwe yo o dingwaga di masome mabedi wa motse wa Lepokole yo go belaelwang a thubeditse mme wa dingwaga di le masome a mane le ene e le wa motse oo kgwedi eno e robabobedi.

A re gape ba mo patlong ya monna mongwe yo go utlwalang a thubeditse  mosetsana wa dingwaga di le lesome le bosupa kwa kgotleng ya Borotsi kwa  Bobonong bosheng botlhe e le ba Bobonong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gloria Thitoyamore

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 17 Jul 2013