Ba kopiwa go somarela bosupi
16 Jul 2013
Go tlhoka kitso ya go somarela bosupi fa go thubilwe mo dikgwebong go paledisa mapodisi go latedisa magodu.
Moitseanape yo o tlhotlhomisang kwa bosenyi bo diragetseng teng wa diofisi tsa sepodisi tsa Selebi Phikwe, Detective Inspector Agreement Chuchu o tlhalositse fa bagwebi ba sa itse go somarela bosupi jo bo ka dirang gore disenyi di kgone go latedisiswa.
Rre Chuchu a re mogwebi ga a a tshwanela go tshwara sepe kgotsa go gata metlhala ya magodu fa a fitlhela madirelo a thubilwe, ka jalo o tshwanetse go begela mapodisi tiragalo eo ka bofefo gore ba tle ba tsee bosupi bo ise bo senyege.
A re bosupi jo ke jone bo dirisiwang ke mapodisi go latedisa disinyi. Rre Chuchu o tlhalositse fa mo ditiragalong ka bontsi bagwebi ba tshwara fa go sentsweng le go gata metlhala ya disenyi mme se se direle mapodisi tiro thata ka bosupi jo bo ka bong bo tserwe go latedisa disenyi bo tlaabo bo senyegile.
Rre Chuchu a re go bega ka bofefo le go tlhoka go tshwaratshwara go ka direla mapodisi tiro motlhofo ka menwana ya magodu le metlhala di ka tsewa ka boranyane mme di dirisiwe go a latedisa. A re sengwe le sengwe se se tlogetsweng ke magodu a sena go thuba se ka dirisiwa go a gokaganya le molato o ba o dirileng, ka jalo bagwebi ba tshwanetse go nna kelotlhoko mme ba seka ba sela sepe mo lefelong le go thubilweng mo go lone.
Rre Chuchu o gakolotse beng ba dikgwebo go phakelela kwa dikgwebong tsa bone go netefatsa fa go sa thujwa mme fa go sentswe ba begele mapodisi ka bofefo gore bosupi bo tshwana motlhala bo tsewe bo ise bo senngwe ke phefo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : BOBONONG
Event : Phuthego
Date : 16 Jul 2013






