Breaking News

Temo e ile tlase kwa kgaolong ya Kgatleng

11 Mar 2018

E re ka jaana dipula di diegile go phaila mo pakeng eno ya temo, balemi ka bontsi ba gogile dinao go baya ditema ka ba kgobegile marapo gore a mme ba tlaa kgona go bona thobo.

Mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Tiyedze Mariri a re dipalo di supile fa balemi mo kgaolong ya Kgatleng ba sa lema ba le bantsi jaaka ngogola.

 A re ngogola ka nako eno ba ne ba setse ba lemile ditema di ka nna 13 355 mme monongwaga ba kgonne go lema ditema di le 3 581 fela.

Mme Mariri a re se se supa fa palo ya ditema e wetse tlase fela thata, bogolo jang ka gore ka 2017 balemi ba ba neng ba lemile ba ne ba le 3 061 mme monongwaga ba 963 fela.

A re sebe sa phiri e nnile pula e e neleng thari nako ya letsema e setse e tloga e wela, mme balemi ka bontsi ba seka ba kgona go lema.

Mogolwane wa balemisi o supile fa nako ya koketso ya temo le yone e ne e ka seke e kgone go fa balemi sebaka se se kalo sa go lema.

Mme Mariri o ne a gatelela gore mariga a dipaka tsa gompieno a tla ka bonako mme gantsi fa temo e dirwa morago, dijalo di na le go tlhajwa ke phefo mme di seke di dire sentle fa balemi bone ba senyegetswe ke madi le ditsompelo.

A re Kgatleng ka bonosi o na le ditema ka kakaretso di le 25 000 tse di ka lengwang mme ga go motlhofo balemi ba goroga koo.

O ne a tlatsa ka go re fa pula e ne e sa diega balemi le bone ba lemile sentle, thobo e ne e tlaa nna e e nametsang mo Kgatleng le lefatshe la Botswana ka kakaretso.

Mme Mariri a re Kgatleng e na le diterekere di ka tshwara 400 tse di thusang Bakgatla go lema.

 A re ba ne ba rotloetsa balemi go lema mabele ka a kgona go itshegetsa mo komelelong mme a re ba lemogile fa batho ka bontsi ba rata go lema mmidi.

O supile fa mmidi o oswa ka bonako fa go sena pula e bile o sa kgone go thanya le fa pula e tla ka o thokana le metsi a mantsi.

Mme Mariri a re mabele a kgona go thanya fa pula e bowa mme molemi a kgone go roba sengwe.

Le fa go ntse jalo, balemi ba Kgatleng ba ganeletse thata mo mmiding ka go supagetse fa ofisi ya balemi ya Kgatleng e ne e filwe ditone tse 61 tsa mmidi mme di ne tsa tsewa tsotlhe ke balemi mme di lemilwe mo ditemeng di le 1 073.

A re mabele ba ne ba filwe ditone di le 35 mme go tserwe tse 14 ke balemi ba ba lemileng ditema di le 577 ntswa e le one a ba neng ba kopa balemi gore ba leme one.

O ne a supa gape gore ba ne ba fiwa ditone tse 15 tsa dinawa mme le tsone di ne tsa tsewa tsotlhe mme di lemilwe mo ditemeng di le 684.

Mme Mariri a re balemi ba supile fa ba rata mmidi ka gore ga o tsenye dingalo ka go disiwa jaaka mabele a a tlhokanang le tlhokomelo e e kwa godimo gammogo le go leta gore thobo e nametse.

O ne a supa fa ba tlaa tswelela ba kgothatsa balemi go lema mabele ka a kgona go itshwarelela mo komelelong le fa a tshwenya ka dinonyane.

O ne a tlatsa ka go re dinawa le tsone di siame ka e bile molemi o ka oba letsogo ka go rekisa kwa BAMB ka e bile ditlhwatlhwa tsa bone di le botoka. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Tekodiso

Date : 11 Mar 2018