Letsema le thata ka mong
16 Jul 2013
Puso e tshwenyegile thata ka balemi ba ba sa tlhokomeleng masimo ntswa go dirisiwa madi a mantsi go ba lemela.
Se se builwe ke mothusa tona wa temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi bosheng kwa phuthegong ya kgotla kwa Mochudi. O kopile Bakgatla go tlhokomela masimo ka jaana lefatshe leno le tlhoka dijo tse di lekaneng go jesa Batswana botlhe.
Rre Molebatsi a re puso e tsere tshwetso ya go lemela Batswana ka jaana e ne e lemoga fa ba lebaganwe ke dikgwetlho tsa go lema ka jaana temo e lopa madi a mantsi mo malatsing a gompieno. O rotloeditse balemi go emela masimo a bone ka dinao gore thobo e tokafale.
Molebatsi a re lephata la temo-thuo le tsile ka lenaneo le lesha la go lemela Batswana le mo go lone molemi a tlaa lemelwang ditema tse tlhano a thusiwa ke puso mme go feta foo puso e thuse bontlha bongwe jwa temo.
A re puso e ne ya sekegela selelo sa beng ba diterekere tsebe, sa go oketsa ditlhwatlhwa ka jaana didirisiwa tsa temo di le turu. A re puso e tlaa neela balemi menontshane, e le tsela ya go tokafatsa thobo, bogolo jang ka masimo ka bontsi a sa bolo go lengwa mme a sa tlhole a ntsha thobo e e nametsang.
Beng ba diterekere ba kopilwe go ipaakanyetsa temo ka go reka didirisiwa tsa temo gore ba tle ba kgone go thusa balemi ka jaana puso e duela fela ba ba lemang ka tsamaiso e e beilweng.
A re puso e tsweletse ka go tokafatsa ditlhwatlhwa tsa thekiso kwa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) gore Batswana ba bone dituelo tse di botoka.
Bakgatla ba ne ba lebogela leeto la gagwe ba supa fa temo e le botlhokwa fela thata, mme ba re mathata a matona mo kgaolong ya bone ke gore dipula di boutsana, ka jalo thobo e kwa tlase ntswa keletso e le teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jul 2013






