Thuto ya bananyana e tlaa patelediwa
13 Feb 2018
Lephata la thuto go tswa moding le tshwere ka natla go netefatsa gore dikole tsotlhe tse dipotlana di simolodisa dithuto tsa bana ba ba yang go simolola lokwalo lwa ntlha morago ga ditekeletso tse di dirilweng mo dikoleng dingwe ka 2014.
Fa a bua kwa tshimolodisong ya Education and Training Sector Strategy Plan kwa bokopanong jwa malatsi a mabedi kwa Palapye, mogokaganyi wa lenaneo, Dr Moses Mengwe a re lenaneo le tlaa pateletsa gore ngwaga yo o tlang dikole tsotlhe tse di potlana di nne le mophato o le mongwe wa bananyana ba ba tlaa bong ba ya go simolola lokwalo lwa ntlha.
A re se ke maiteko a go tokafatsa seemo sa thuto, ka jalo go le botlhokwa go epa mosele wa pula go sale gale.
Dr Mengwe a re lenaneo le gape le tlaa tlhofofatsa gore botlhe ba kgone go le akola le go ithutela mo maemong a a siametseng dithuto.
A re ntswa se se ka tswa se utlwala se le sesha mo ditsebeng tsa bontsi, nnete ke gore thulaganyo e e tswa kgakala e dirisiwa mo dikoleng tse dipotlana ka baithuti ba ne ba simolola ka Sub A mme ba fetele kwa go Sub B pele ga ba simolola lokwalo lwa ntlha.
Dr Mengwe o tlhalositse fa lenaneo la ditogamaano la lephata le ikemiseditse go simolodisa methale e mesha le ditsela tse dingwe tsa thuto tsa go baakanya seemo sa go sa nyalana ga dithuto tse di fiwang kwa dikoleng le dikitso tse di tlhokafalang.
Dr Mengwe a re lenaneo le gape le tlaa fa baithuti sebaka sa go tlhatlhojwa mo dithutong tsa konokono di le tlhano fela go na le tse di robang bobedi tse ba di tlhatlhobelwang mo nakong ya gompieno.
Maikaelelo ke gore ka ngwaga wa 2020 lenaneo le bo le le mo tirisong ka botlalo mo dikoleng tsotlhe tsa puso.
Se, Dr Mengwe a re se tlaa dira gore bogogi jwa dikole bo kgone go itemogela bokgoni jwa baithuti fela fa di tloga, ka jalo ba kgone go ba kgaoganya go ya ka tlhaloganyo tsa bone.
A re go simolodisa le go diragatsa lenaneo le ngwaga o o tlang go tsile go fetola tsamaiso ya thuto.
Fa a ama dikole tse dikgolwane, a re diphetogo tse di tlaa nnang teng di tsile go ama dikole di le masome mararo le bone mme a tlhalosa fa go tlhokana le go reka didirisiwa le go seega madi pele go ka diragadiwa diphetogo.
Dr Mengwe a re go simolodisiwa ga methale e e farologanyeng kwa dikoleng go tshwanetse ga itebaganya le ditsetlana tse tharo ebong boranyane, kitso le thuto.
O rile lenaneo le tlaa lekelediwa mo dikoleng tse dikgolwane di le tharo fa sa Moeng se tlaa itebaganya le tsa Temo-thuo, Letlhakane e inaakanye le tsa kepo ya didiba le tlhokomelo ya tsone fa Maun e tlaa remelela mo go tsa bojanala.
Fa madi a ka nna teng, Dr Mengwe a re go na le kgonagalo ya gore ditekeletso di dirwe mo dikoleng tse some.
Ditekeletso tse gore di simolodisiwe, Dr Mengwe a re go tlhokana le dikago le go atolosiwa ga dikole.
Fa a tswa la gagwe, motshwarela mogolwane wa tsa madi, Mme Nametso Malaka go tswa lephateng la thuto go tswa moding o boleletse ba-tsaya karolo mo bokopanong joo ka ipaakanyetso kgaoganyo ya madi a a dirisiwang mo tsamaisong ya tsatsi le letsatsi, peo-leitlho le dipego.
Mme Malaka o amile gape ntlha ya kgobokanyo ya lekgetho le gore se se raya eng mo letloleng la puso.
O ne a tlhalosa ka go kgobokanngwa ga madi a tlatsa ka go re dikole di dira madi ka dituelo tsa baithuti le go rekisa tsa temo-thuo ntswa di lebanwe ke kgwetlho e tona ya go tlhoka go duela sekole ga baithuti.
Ba ba neng ba le mo bokopanong ba ne ba kopa gore go nne le dithuto tse di fiwang ba e leng gone ba thapiwang gore ba kgone go itse ka dintlha tsa botlhokwatlhokwa di tshwana le kgaoganyo ya madi le theko.
Bokopano jo bo ne bo rulaganyeditswe dikgaolo tsotlhe le lephata la thuto maikaelelo e le go tsibosa bodiredi ka diphetogo tse di tlaa amang lephata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Palapye
Event : Bokopano
Date : 13 Feb 2018






