Breaking News

Banana ba atla lenaneo la Sesigo

11 Jul 2013

Banana ba Letlhakeng itumeletse lenaneo la Sesigo, le le rutang ka go dirisa dikhompiutara kwa motseng oo, ba supa fa ba tlaa bona sebaka sa go ithuta le go dirisa dikhompiutara ntle le tuelo epe.

Ba supile fa  lenaneo leo le ba thusitse thata ka ba tlaa botsipa jwa go dirisa khompiutara mo ditirong tse di farologaneng.

Mongwe wa dialogane, Mme Keanole Monageng, o ne a bolela fa a itumeletse sebaka sa go tsenelela dithutuntso tsa dikhompiutara.

O tsweletse go supa gore ka ntlha ya kitso e a e bapetseng, o ithaopile go thusa go rutuntsha bana ba sekole se sebotlana sa Gothibamang kwa Letlhakeng, go dirisa dikhompiutara.

Mongwe wa barutuntshi ba lenaneo la Sesigo, Rre Kesego Tumisang, o supile fa a lebogela tirisano ya baithuti ba lenaneo le, a tlhalosa fa ba sa ntse ba solofetse baithuti ba bantsi go le akola. 

Rre Tumisang a re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ke kgaogo ya motlakase kgapetsa kgapetsa le go tlhaela ga didirisiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Thutuntsho

Date : 11 Jul 2013