Dirisang maranyane a segompieno
11 Jul 2013
Mogwebi yo o tumileng kwa kgaolong ya Bobirwa, Rre Mosalagae Seosupeng, o rotloeditse bagwebi ba kgaolo eo go dirisa maranyane a segompieno.
O ntshitse kgakololo eo kwa thutopuisanong ya bagwebi ba kgaolo ya Bobirwa, e e neng e tshwerwe kwa Bobonong bosheng. Rre Seosupeng a re bagwebi ba tshwanetse ba aga dikago tse di nonofileng go sireletsa dithoto.
O ba rotloeditse gape go dirisa dikapa ditshwantsho tsa maranyane a segompieno go sireletsa dikgwebo tsa bone, tse a reng di ka ba senolela motlhofo maretshwa otlhe a borukutlhi a a diragalang mo madirelong a bone.
A re ba tshwanetse ba dirisa dipolokelo tsa madi tse di tiileng ba bo ba baya madi a a lekanetseng mo madirelong le kwa malwapeng ka gore a mantsi a ka oka magodu.
O ba tlhaloseditse gore ba kabakanye dikgwebo, a bo a ba fa sekai sa gore jaaka puso e ithola ditiro dingwe, bogolo jang ya go agela barutabana matlo, ba tshwanetse ba inaakanya le kgwebo ya go aga matlo ba a hirisa.
Modulasetilo wa komitikgolo ya bagwebi Rre Sediba Robert, o rotloeditse bagwebi go tshwaragana le go tswa ka maano go hema borukhutlhi le go ithuta go sireletsa dithoto le matshelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gloria Thitoyamore
Location : Bobonong
Event : Thuto-seka-dipuisanyo
Date : 11 Jul 2013






