Bonatla bo godisa kgwebo
11 Jul 2013
Mogolwane wa dithuto tsa kgwebo kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla sa Selebi Phikwe, Rre Kgaufelo Nthokane, o kgothaditse bagwebi ba babotlana go dira ka natla gore dikgwebo tsa bone di gole.
O buile jaana mo ditshupong tsa bagwebi ba babotlana, tse di neng di rulagantswe ke khansele ya Selebi Phikwe, ka maikaelelo a go ba kopanya le gore ba ipapatse ba bo ba gakololane. Letsatsi le le ne le tsenwe ke bagwebi ba dikgwebo tsa thuo ya dikoko, ba ba rokang matlalo, ba ba dirang dinotsididi, kofi le
Rre Nthokane, a re dikgwebo tse dipotlana di supile fa e le tsone di thapang batho ba le bantsi. O ne a bolela gore go botlhokwa gore beng ba dikgwebo ba itsane, ba dirisane, go godisa dikgwebo.
Molalediwa wa tlotla e bile e le mogwebi yo mmotlana wa go ntlafatsa dinala le difatlhego kwa Selebi Phikwe, Mme Gorata Modikwa, o rotloeditse bagwebi ka ene go tshwara bareki sentle le ka go lekalekana. O tlhalositse gore mogwebi o kopana le batho ba ba farologaneng mme go tlhokega boitshoko.
Mo moanamisa mafoko wa Selibe Phikwe Economic Diversification Unit (SPEDU), Rre Kenneth Boikhutshwane, o tlhaloseditse ba lekalana la dikgang la BOPA fa dikgwebo dingwe jaaka ya Bojanala, go tshameka ka mekoro mo metsing le temo ya merogo, di ka tswelela sentle kwa kgaolong eo ka e na le metsi a mantsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pearl Olatotse
Location : Selebi Phikwe
Event : Ditshupo tsa bagwebi
Date : 11 Jul 2013






