Bobirwa e tlaa tshwara ditshupo
11 Jul 2013
Kgaolo ya Bobirwa e tlaa tshwara ditshupo tsa temo thuo go simolola kgwedi ya Phatwe e fera bongwe go fitlhela e le lesome le motso.
E ne ya re mo ngwageng o o fetileng ditshupo tsa se ka tswa tshwarwa ka gore kgaolo eo e ne e tlhasetswe ke leuba. Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang ditshupo tseo, Rre Monkemedi Dingalo, o tlhaloseditse ba lekalana la dikgangle go re mookamedi wa Botswana Development Coporation (BDC) , Rre Blackie Marole e tlaa nna molalediwa wa tlotla kwa ditshupong tseo.
Rre Dingalo a re go baakanyetsa ditshupo tse go tsweletse sentle ka terata le dikago tsa lebala la ditshupodi setse di simolotswe go baakanngwa.
O tlhalositse gore ke nako ya gore dikomiti tse di rulaganyang go tshwarwa ga ditshupo, di simolole go kabakanya ditshupo gore di se ka tsa ikaega ka temothuo fela.
A re ditshupo tsa Bobirwa di tlaa bo di sa remelela mo temothuong fela, ka a re ba solofetse disupiwa tsa ditiro tsa diatla, dikgwebo ka go farologana, dikompone tse di dirang dithoto tsa temo thuo ga mmogo le leruo le tsa dijwalo ka go farologana.
Are lekgotla la Motor Vehicle Accident Fund MVA) le thusa mo paakanyetsong ditshupo ka go rulaganya dikgaisano tsa mmabontle, pele ga ditshupo.
Rre Dingalo a re ditshupo tsa kgaolo ya Bobirwa di itlamile go rotloetsa dikgwebo tsa banana, ka jalo a gakolola banana ba ba nang le dikgwebo go tla go supa dithoto tsa bone kwa ditshupong tseo, kwa ba tlaa kopanang le bareki le go tsaya botsipa jwa go tsamaisa dikgwebo mo bagwebing ba bangwe.
Rre Dingalo o kopile setshaba go tlisa disupiwa kwa ditshupong tse go ikopanya le komiti ya bone nako e sa ntse ele teng.
Balemi le barui ba kgaolo eo ba atlile mogopolo wa go kabakanya disupiwa, b abo ba kopa komiti e e rulaganyetsang ditshupo go nna e tsaya megopolo mo setshabeng gore ditshupo tsa kgaolo eo di se ka tsa kgorelediwa ke leuba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 11 Jul 2013






