Breaking News

Khansele e fedisa letlhoko la metsi

11 Jul 2013

Khansele potlana ya Bobirwa e arabile selelo sa  letlhoko la  metsi sa baagi ba Bobonong segolo jang kwa dikgaolwaneng tsa Rasetimela le Phase 1,  tse di nang le dingwaga di ntse di  tlhaelelwa ke metsi.

Khansele e goketse didiba di le pedi  go thusa tse pedi tse di  ntseng di sa kgone go nosa motse wa Bobonong otlhe.

Modulasetilo wa khansele potlana ya  Bobirwa, Rre Ishmael  Legwaila, o tlhalositse fa khansele e goketse sediba se le sengwe kwa tankeng e e tlaa sielang baagi ba Rasetimela le Phase 1 ga mmogo le sekole  se  segolwane sa Matshekge.

Rre Legwaila a re tanka e, e setse e pompetswe metsi e bile e sa ntse e etswe tlhoko gore a ga e dutle, pele ga metsi a yone a ka  sielwa setshaba. Modulasetilo a re sediba se sengwe  se tlaa nosa motse wa Molalatau,  o le one o ntseng o  tlhaelelwa ke metsi fela thata. Rre Legwaila a re tiro ya sediba se se tlaa nosang motse wa Molalatau, ga e ise  e fele.

O tlhalositse fa letlhoko la metsi le tlaa ya bokhutlong kwa motseng wa  Bobonong mo sebakeng sa kgwedi, fa tanka e e pompetsweng  metsi  e simolola  go  diriswa  fa go ka supagala gore ga e  dutle.     

Le fa go ntse jalo, Rre Legwaila o tlhalositse  fa  kago ya  ditsela tsa motse wa Bobonong  e e  tlaa  lopang  P222 million e  tsweletse  sentle  e bile   e tla  tsaya  dingwaga  tse  tharo  go  wediwa. Rre Legwaila a re  kompone  a  Zac Construction  e neetswe  tiro  ya go  aga  ditsela  tse.

Modulasetilo  wa  khansele  o  tlhalositse  fa  kompone   e  setse  e  simolotse  go  baakanyetsa  fa  tsela  e  tsileng  go  feta  teng  e bile  batho  le  dikompone  tse di  amilweng  ke  kago  ya  ditsela  tse, ba  setse  ba  duetswe  ditshenyegelo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Bobonong

Event : Phuthego ya khansele-potlana

Date : 11 Jul 2013