Breaking News

Makalamabedi o a itela

16 Jan 2018

Kgosi Diane Sepakowa wa Makalamabedi a re ba sale ba solofeditswe go atlolosetswa kokelwana, a tlhalosa gore motse wa bone o godile jaanong e ba nang le yone e nnye.

Kgosi Sepako o buile jalo ko phuthegong ya mopalamente wa bone Rre Slumber Tsogwane ko motseng oo bosheng.

Kgosi o ne  gape a rotloetsa morafe gore mo ngwageng o mosha ba ba ntseng ba sa itshware sentle  ba fetole boitshwaro.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Phenyo Dimpe o ne a lebogela gore ba okeleditswe dipalo tsa khiro ya lenaneo la Ipelegeng.

Mme Dimpe o supile fa matshwenyego a bone e le ofisi ya boipelego e le go tlhoka didirisiwa  tse di agelelang mabitla ka di sa lekana, lenaneo la madi a dikgaolo a P10million ga ba itse gore le tsamaya fa kae, le go dirwa ga tsela ya Makalamabedi/Motopi, gammogo le tiego ya dipolasetike tse di olelang matlakala.

Mopalamente  Tsogwane  o ne a ba tlhalosetsa gore kokelano ya bone ba ne ba filwe madi ke kompone ya DeBeers mme ga nna le kwelotlase ya itsholelo.

Mopalamente yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae o ba boleletse gore kokelano ya bone e teng mo lenaneong la ESP fela ke gore ba lephata la botsogo ba saletse ko morago go diragatsa mananeo ba diilwe ke tsamaiso.

A re tsela ya Makalamaedi/Motopi e mo lenaneong la ditlhabololo mme ga go reye gore e tlaa dirwa mo ngwageng wa ntlha wa lenaneo.

E rile a araba kgang ya madi a dikgaolo mokwaledi wa khansele Rre Onthatile Molelu a ba tlhalosetsa gore lenaneo le diilwe ke gore madi a tsile ka kgwedi ya Phalane. Rre Molelu a re  ka go na le thulaganyo e e salwang morago go a diragatsa ke  yone e e diileng mme  a re  ba eme ka dinao go a fefusa.

Mo go tse dingwe Kgosi Baletlanye Kenewendo wa Motopi o ne a re lefa seemo sa loapi se sa nametse mathata a bone ke gore ga ba a bona dipeo.

Kgosi Kenewendo o boletse fa gape ba tlhaelelwa ke mapodisi a tlhalosa gore borukutlhi bo ko  godimo ka jalo a kopa gore ba okeletswe mapodisi a nakwana. Kgosi  o bile a re  o kopela mapodisi gore ba tlhokomelwe.

Radijwalo wa kgaolo ya Boteti Rre Chemelani Mokgosi a re tiego ya dipeo e bakilwe ke gore ba ne ba ntse ba neela  dikompone gore di phakise dipeo,a tlhalosa gore jaanong tiro ya teng e boetse mo go bone.

Rre Mokgosi o ne a supa gore dipeo di teng, a ba rotloetsa gore ba leme mabele go itepatepanya le seemo sa loapi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Makalamabedi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2018