Breaking News

Komiti e bolotsa letsholo

10 Jul 2013

Komiti ya ipabalelo tseleng e e akaretsang badirelapuso ba maphata a a farologaneng e ipaakanyeditse go ema mo ditseleng tsa toropo ya Lobatse malatsi a le mararo pele ga malatsi a ga Tautona.

Ba boletse fa ba tlaa bo ba ruta bakgweetsi ipabalelo tseleng le melao e mesha ya tsela e e setseng e le mo tirisong. Ba ne ba buwa mo kopanong ya go ipaakanyetsa tiro eo e ba tlaa e pataganelang le mapodisi. Ba tlhalositse gore ba tlaa bo ba eme mo ditseleng tse di tsenang le go tswa mo  Lobatse.

Mme Tebogo Thebe yo e leng mokwaledi wa komiti o ne a tlhalosa fa ba tlaa bo ba ruta setshaba segolo thata bakgweetsi ka dilo tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng, go obamela matshwao a tsela le go kgweetsa sentle.

A re bakgweetsi ba atisitse go bua ka mogala ba kgweetsa mme ke molato o o atlholelwang P500. Mme Thebe o begile fa molao mongwe o mosha e le o o reng ngwana yo o dingwaga di tlhano o duela fela jaaka mongwe le mongwe mo dibeseng. A re ba tlaa bo ba ikaegile ka tlhogo ya kgang e e reng ipabalelo tseleng boikarebelo jwa me.

O boletse fa ba ema mo ditseleng nako le nako ka malatsi a boitapoloso go tsibosa ka bodiphatsa jwa go sa obamele melao ya tsela. Inspector Kgopolo Moshebashebi o ne a kopa maloko a komiti eo go ruta setshaba ka matsetseleko melao ya tsela e e mo tirisong.

Mogolwane yoo a re go dira jalo go tlaa thusa fela thata go fema dikotsi tse di gakalang segolo ka malatsi a boitapoloso.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : LOBATSE

Event : Phuthego ya ipabalelo tseleng

Date : 10 Jul 2013