Breaking News

Dikgaka ga di ntshe maduo

10 Jul 2013

Mogolwane wa ofisi ya tsa kgodiso le tlhabololo ya leruo kwa Letlhakeng, Rre Kgang Mongale, a re go supagetse fa kgwebo ya thuo ya dikgaka ka lenaneo la LIMID e sa ntshe maduo.

Rre Mongale o boleletse bobega dikgang gore puso e ntshitse dikgaka mo lenaneong la LIMID ka di se na dipoelo tse di kalo ka jaana theko ya tsone e le kwa tlase. A re se se bakwa ke gore moreki mogolo wa tsone ke puso, fa setshaba se rekela go ya go rua fela, ka jalo kgwebo e tsamaya ka bonya.

O tladitse ka gore lesika loo-nonyane le tshabelelwa ke malwetse a megare e e tshelanwang. Rre Mongale a re lesika le, le tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng jaaka go di siela melemo e e sireletsang go na le go alafiwa ka jaana di motlhofo go swa. O gakolotse ka gore barui ba lesika le ba tshwanetse go dirisana thata le bakenti go nna ba lemoga dikai tsa bolwetse ka bofefo.

Morui wa dikgaka yo o di tsereng ka lenaneo la LIMID ka ngwaga wa 2007, Mme Kebabonye Keolatlhetswe, o boletse mo potsolotsong gore o ne a nna le kgatlhego ya go rua dikgaka ka ntlha ya gore o ne a batla go fetola kgaka go re e ruelwe mo gae.

Mme Keolatlhetswe o tlhalositse fa ka ngwaga wa 2010 leruo la gagwe le ne la tlhaselwa ke bofufo, a leka ka bojotlhe go lwantshana le bolwetse joo ka melemo, jwa mo palela, a sala a iphotlhere.

O tlhalositse fa jaanong a leka go ikopela lenaneo la banana go rua dipodi ka jaana le ntswa di tshwenngwa ke diji le malwetse mme a kgona go alafesega gape le go laola metsamao wa tsone go le motlhofo go na le sika loononyane le tsaya malwetse mo go tsa lenaga mo hokong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boikobo Keboetetse

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 10 Jul 2013