Breaking News

Kgosi o tshwenngwa ke dipolaano

10 Jul 2013

Mothusa modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe a re dikgosi di tshwenyega ka dipolaano tsa baratani tse di kekelang kwa Mahalapye.

Kgosi Tshipe yo e leng mothusa kgosi ya Mahalapye o ne a araba dipotso tsa ba lekalana la dikgang la BOPA  bosheng.

O boletse fa go tshwenya thata go bona banana e le bone ba di gogang kwa pele mo dipolaanong ntswa go na le makalana a dikgakololo jaaka la boipelego,mapodisi le bogosi.

A re dipolaano di bakwa ke go iphitisa dino, go nna mmogo ga batho ba sa nyalana le go ikgatholosa bana ga batsadi ntswa e le bone ba tshwanetseng go ruta bana maitsholo a a eletsegang mo setshabeng. Kgosi Tshipe o boletse gore  batsadi ba palelwa ke go laola bana ka ba re go tlaa twe ba a ba  kgokgontsha ka jalo ga go sa na molao mo malwapeng.

Kgosi o boletse fa go itshwara maswe ga banana go gakadiwa ke go kopa dingwao tsa batswakwa ba tsaya gore ke tlhabologo mo ba sunanang mo mekgwatheng le fa pele ga bagolo. Kgosi Tshipe o boletse fa pele basimane ba ne ba godisediwa kwa merakeng, fa basetsana ba godisediwa kwa masimo go rutwa ditiro tse di farologaneng tsa diatla go na le gompieno mo bana ba golelang mo ditoropong e bile ba sa tsene dikole ntswa ba bapile le batsadi.

A re o a swaba gore banana  ga ba tsene diphuthego tsa kgotla go ithuta ditsamaiso. O begile fa magosi a ikaelela go bopa makgotlana a a rutang banana mekgwa le ngwao ya Setswana gore ba nne boikarabelo. A re Setswana sa re ntwa-kgolo ke ya molomo, mme go botlhoko  go bona banana ba bolaya bakapelo ba bone bobe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thebeetsile Orapeleng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 10 Jul 2013