Logonyana ga le robatse kgosi
10 Jul 2013
Mothusa Kgosi wa Molapowabojang kwa kgaolong ya Borwa, Kgosi Michael Ratsoma o boletse fa majalwa a a seng ka fa molaong a rekisiwa ka bokete mo a koafaditseng banana ba motse oo ka bontsi.
Kgosi o ne a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa, Mme Lenah Mahalelo a patilwe ke ba maphata a khansele, maikaeleleo e le go isa ditirelo tsa khansele kwa Molapowabojang le Lotlhakane Phukwi a tlhola ga rataro.
Kgosi Ratsoma o boleletse kokoano eo gore go na le bojalwa jo bo tumileng thata mo motseng jo go tweng logonyana jo bo nowang phetelela mo Molapowabojang. O boletse fa bo rekisediwa mo dikamoreng e bile bo koafatsa mmele thata.
A re bo kgobola banwi ba jone melomo le meriri e a tlhofofala, letlalo le lone le setlhefala mme motho wa teng a latlhegelwa ke mmele. O boletse fa bo ratwa bobe ke banana ba motse.
Kgosi o boletse fa a lekile go kgalema mme seemo se sa fetoge. O boletse fa baapei ba bojalwa joo ba setse ba mmitsa logonyana ka a ba kukunela go ba itsa go bo dira. Kgosi o boletse fa go na le a mangwe a a tshwanang le logonyana a a bidiwang Tiripa Kgosi, sekipa se ntekanye, chibuku power, moterepa le laela mmago.
Kgosi gape o ngongoregile ka dikgosana tse di thusang dikgosi tse di sa duelweng, a re ba akanyediwe go atswiwa gore le bone ba tie moko. Mo go tsedingwe, kgosi o gakolotse morafe go ne o tlhopha dikgosi tse di iteilweng seatla, ba itse go bala le go kwala gape ba itse molao wa Botswana.
E ne e rile pele Mme Mahalelo a bolela fa ba simolotse lenaneo la go etela metse beke le beke ba isa ditirelo tsa khansele go na le gore batho ba latele ditirelo kwa Kanye, le ntswa ba tlhaelelwa ke bodiredi le dikoloi.
Mme Mahalelo o boletse fa metse mengwe e sa dirise lenaneo la Ipelegeng sentle ba tlhola ba robetse ba sa dire ditlhabololo fa metse mengwe yone e dira sentle thata mo motlhala wa ipelegeng o bonalang. O ba kopile go dirisana mmogo le dikomiti tsa metse go itlhabolola.
O ba kopile go phepafatsa tikologo ya malwapa a bone go na le gore ba letle ba ipelegeng go tla go ba phepafaletsa. O boletse fa itsholelo e sa ntse e le ko tlase mme a kopa gore ba dirise Ipelegeng go tokafatsa matshelo a bone.
Baagi fa ba akgela ba kopile gore ditsela tse di fa gare ga motse di nne di kgobolwa kana di tsenngwe sekonotere. Ba ngongoregile ka leruo le le gobeyang mo motseng ba bolela fa le ja ditlhare tsa bone tsa makgabisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Molapowabojang
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jul 2013






