Breaking News

Bomme ba tlaa tlamela moithuti

09 Jul 2013

Bomme ba mokgatlho wa St Anne, wa kereke ya Roma kwa kgaolong ya legare, ba tsere boikarabelo jwa go tlamela moithuti wa lekwalo la bone wa sekole se sebotlana sa Supang kwa Letlhakane.

Moeteledipele wa bomme ba St Anne, Mme Bernadette Monagen, a re ba tlaa tlamela mosetsana Happiness Halae ka sengwe le sengwe se a se tlhokang go fitlhelela a fetsa dithuto tsa gagwe a bo a kgona go itirela ka diatla tsa gagwe.

Mma Monagen o buile jalo bosheng kwa kgotleng ya Letlhakane jaaka ba mokgatlho oo ba ne ba abela ba-na-le bogole dikolotsana tse di ba thusang go tsamaya di le lesome le dikobo tsa batlhoki di le masome a roba bobedi le botlhano.

Mma Monagen a re ba itlamile go direla malwapa a bone le setshaba ka kakaretso ka thotloetso ya Modimo.

“Ngwaga le ngwaga re kopanela mo lefelong lengwe go obama, mme pele ga re phatlalala, re abela bangwe, go tokafatsa matshelo a bone le go gasa thomo ya ga Keresete ka ditiro.”

Mokwaledi wa khansele potlana ya Boteti, Rre Motshwariemang Matseka, o kaile  fa bomme ba dira ka natla go tsamaisa mekgatlho e e thusang go tlhabolola matshelo a batho le go bopaganya tshaba.

Rre Matseka a re kereke ya Roma e nnile le seabe se setona thata ka go rotloetsa thuto.

O supile gore dikole jaaka sa Mater Spei le Moeding, di simolotswe ke kereke ya Roma, ka nako e go neng go le thata, ditlamelo tsa thuto di tlhaela.

O supile gore sengwe se se tshwenyang ke go bona tshwaragano ya lesika e kgaogile ka gore bangwe batho ba ba kobo dikhutshwane ba ka bo ba tlamelwa ke ba masika. 

A re kereke e dira tiro e e ka bong e dirwa ke ba masika, ba thusana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : Letlhakane

Event : Phutego ya kgotla

Date : 09 Jul 2013