Balemi kwa Bogogobo ba eletsa go lema
13 Jan 2013
Banni ba Bogogobo kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba ngongoregela temo e e kwa tlase monongwaga ka ntlha ya letlhoko la diterekere tse di ba lemelang le pula e e boutsana.
Ba buile jalo kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ke mokhanselara, Rre John Lentshikang, kwa Bogogobo bosheng. Balemi ba ne ba bua ba sa kgwe mathe ka bonya jwa boraditereke.
Ba boletse fa keletso ya bone e le gore puso e ba thuse ka diterekere tse di ka kgonang go ba lemela.
Ba re le ntswa mmu wa kgaolo ya bone o sa nonofela dijwalo e bile pula e le boutsana, ba eletsa go lema dijalo dingwe tse di kgonang go gola mo mmung wa sekaka jaaka mmidi, dinawa, marotse le magapu.
Mokhanselara o boletse fa matshwenyego a bone ka tsa temo a tlaa fetisetswa kwa lephateng le le lebaneng gore ba tle ba kgone go rarabolola mathata a bone. O tlhalositse fa temo e le botlhokwa mo matshelong a Batswana ka kakaretso ka ba ka kgona go ijesa le go rekisa mo boemong jwa gore ba reke kwa Aferika Borwa.
Rre Lentshikang o boletse fa temo e ka tokafatsa itsholelo ya kgaolo e bile e ka ntsha ba le bantsi mo lehumeng.
A re le fa temo e sa ba sologele molemo, batho ba ka itshetsa ka tse di kgonegang kwa kgaolong ya Kgalagadi jaaka leruo.
O ne a tswelela ka go kgothatsa morafe go ikwadisetsa lenaneo la LIMID le gore ba le tsee ka thwaafalo le go dira ka natla fa ba bone thuso mo go lone. A re o itumedisiwa ke gore ka ngwaga wa 2012, banana ba kgaolwana ya gagwe ba le 66 ba ne ba thusiwa ka lenaneo le.
O tlhalositse gore ba le 63 ba tswa Kolonkwaneng fa ba le bararo bone ba tswa kwa Bogogobo. Le fa go ntse jalo, morafe o ngongoregela tlhwatlhwa ya podi ya P500 ba re e kwa tlase mme ba eletsa fa puso e ka oketsa madi ao gore ba kgone go boelwa.
O ne a rotloetsa banana ba ba thusitsweng mo mananeong a mangwe go tswelela ka go duela go ya ka fa ditumalanong, go itsa morokotso o o ka ba imelang.
Source : BOPA
Author : Michelle Laba
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 13 Jan 2013






