Breaking News

Godisetsang bana mo tumelong

09 Jul 2013

Maloko a National Prayer Team (NPT) go tswa mo dikerekeng ka go farologana a kopile batsadi go godisetsa bana mo Modimong le go ba fa tlhokomelo e e lolameng.

Maloko ao ba ne ba ile go rapelela bana le go ba abela dikobo kwa Pitsane mo kgaolong ya Borolong. Mongwe wa maloko ao, Moruti Reginah Mosimanewakgotla o ne a tlhalosa fa ba etela bana kwa dikolong ka Mosupologo le Labotlhano go ba rerela le go ba rapelela.

A re ba lemogile gore bana ka bontsi ga ba ise ba itse Modimo, ebile tlhokomelo ya bone ga se e e kgatlhisang fa ba ya sekoleng Mme Mosimanewakgotla o boletse fa bontsi jwa bana ba go nna jalo ba ya sekoleng ba se na ditlhako, ba bangwe ba setse le basadibagolo fa bommabana ba le kwa ditoropong.

O kgadile thata batsadi bangwe ba ba tlogedisang bana dikole go ya go ba ruta bongaka jwa Setswana. O gakolotse gore bana ba godisediwe mo Modimong go fapoga botlhoka tsebe.

Mogolwane wa setlhopha seo sa merapelo, Moruti Cynthia Rendoh o ne a tlhalosa fa ba se kereke mme e le baithaopi go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng e le balebeledi le barapeledi ba setshaba.

A re ba leka go diragatsa matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016, le go thusa fa puso e tlhaelang teng. Maloko ao a ne a abela bana dikobo tse di tswang kwa komponeng ya Western kwa Gaborone.

Dikobo tseo di abetswe bana ba batlhoki le dikhutshana ba Pitsane, Rakhuna le Dinatshana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : PITSANE

Event : Letsholo la thapelo

Date : 09 Jul 2013