Ipaakanyetso ditshupo e tsweletse
09 Jul 2013
Ba-na-le seabe ba kopilwe go ema ka dinao le go dira ka natla go netefatsa gore ditshupo tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa di a atlega.
Kopo e, e dirilwe ke modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Moses Chimbombi mo phuthegong ya babega dikgang bosheng.
Modulasetilo o supile fa maikaelelo a bone e le gore ditshupo tsa kgaolo di tshwarwe ngwaga le ngwaga e le tsela ya go rotloetsa balemi-barui. A re di dikile di sa nna ka lebaka la go tlhoka go kopana le go lomagana sentle le ba tsaya karolo.
Rre Chimbombi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa komiti ya gagwe e tsweletse sentle mo paakanyong ya ditshupo tseo, tse di tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang e tlhola letsatsi go fitlha kwa go a le mane. O solofeditse fa ditshupo tse e tlaa nna tsa maemo a a kwa godimo ka ba sa tswa go tsaya malebela kwa kgaolong ya Ghanzi.
Modulasetilo a re sengwe se ba tswang go se ithuta kwa ditshupong tsa koo ke ka fa di tsamaisiwang ka teng, ka fa ditlhotlhwa tsa disupiwa di bewang ka teng, thulaganyo ya go dirwa ga masaka, mabelo a dipitse, kabo dikgele le tse dingwe.
Rre Chimbombi a re ka tshwaragano ya bone le ba temo thuo tsholofelo ke gore balemi barui ba tle ka dipalo tse di kwa godimo go tla go supa tsa temo, tsa ditiro tsa diatla, diruiwa le tse dingwe.
Rre Chimbombi o boletse fa mo nakong ya gompieno ene le ba komiti ya gagwe ba setse ba tsentse diphuthego tsa kgotla mo mafelong ka bontsi mo kgaolong ka maikaelelo a go gasa molaetsa le go tlhalosetsa morafe mo go tseneletseng ka ditshupo.
O supile fa ba dikgwebo tse di potlana ba setse ba ikwadisitse ka dipalo tse di kwa godimo. A re tsholofelo ke gore dipoelo e tlaa nna tse di kwa godimo bogolo jang mo bagwebing ba maroko le babangwe ka jaana ba solofetse gore ditshupo tseo di tshologelwe ke bontsi go tswa mo lefatsheng leno le mafelo a a mabapi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya babegadikgang
Date : 09 Jul 2013






