Go itlhokomolosa melao go a tshwenya
09 Jul 2013
Mothusa mookamela mapodisi a Serowe e bile e le mogolwane wa twantsho borukutlhi, Assistant Superintendent Thomas Nkoga, a re o tshwenngwa ke go itlhokomolosa melao ya tsela ga bakgweetsi.
O boletse gore ba kwadisa dikgang di le dintsi tsa go kgweetsa go itshietswe dinotagi, go kgweetsa go se na teseletso ya go kgweetsa le go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng. Assistant Superintendent Nkoga o tlhalositse fa ba itepatepantse le seemo se mme ba leka ka bojotlhe go lwantsha bothata jo.
Mothusa ramapodisi o kaile fa melato ya mothale o gantsi e dirwa ke banana ka ba na le madi a mantsi e bile ba sa tlhole ba laolwa ke batsadi. ASP Nkoga o ngongoregile ka beng ba marekisetso a go sa nwelweng fa go one ka ba letla bareki go nwela bojalwa fa pele ga marekisetso ao, a re go dira jalo ke molato o bobedi jo bo ka o lebisiwang.
Rre Nkoga o boletse fa go okeditswe dikatlholo ka ba lemogile gore go dira melato ke bakgweetsi ke selo modiro. Assistant Superintendent o rotloeditse setshaba go obamela melao ya tsela ka e ka ba thusa go hema dikotsi.
A re sepodisi sa Botswana se leka thata go ruta setshaba ka thulaganyo ya Itshireletse le diphutego go ikgapa mo diemong tse di ka ba tsenyang mo diphatseng le go gapa matshelo a bone.
O kopile Batswana go itshireletsa mo ditseleng gore ba fitlhelele Tebelopele ya ngwaga wa 2016. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Balefeng Motube
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 09 Jul 2013






