Ba lela ka boeteledipele jwa Lobatse
09 Jul 2013
Banni ba kgaolwana ya Thema le Motswedi kwa toropong ya Lobatse, ba lela sa khuranyo ya meno ka boeteledipele jwa toropo e o.
Ba re boeteledipele jwa toropo ya Lobatse ga bo a tshwaragana. Ba buile mafoko ao mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa toropo eo, Rre Nehemiah Modubule.
Ba re baeteledipele ba toropo eo, ba tshwanelwa ke go itshekatsheka, go bona gore ba dira jang ka toropo ya Lobatse, e ba tlhalositseng fa e fetoga matlotla ka ntlha ya go tlhoka ditlhabololo. Baagi ba ne ba supa gore badirela puso ba tlhaelelwa ke boroko, ka jalo bangwe ba theogela ba tswa kwa metseng e e mabapi.
Ba kopile mopalamente wa bone go kopa puso go ngokela bagwebi kwa toropong ya Lobatse fela jaaka ba dirile ka toropo ya Selebi Phikwe. Molaodi wa toropo eo, Rre Jeoffery Gare, o ne a tlhalosa fa ba leka ka bojotlhe go neela badirela puso boroko jo bo leng teng.
Mopalamente Modubule ene o ne a tlhalosa fa a emetse tona wa tsa papadi le madirelo, Mme Dorcus Makgato-Malesu go mo fa phetolo ka kgang ya go tsosolosa toropo ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : LOBATSE
Event : Phuthego
Date : 09 Jul 2013






