Breaking News

Ba gakololwa go nna podi matseba

08 Jul 2013

Bagwebi ba toropo ya Lobatse ba kopilwe go nna kelotlhoko nako tsotlhe.

Go gakolotse jalo  Superintendent Peter Moloi wa mapodisi a  Woodhall e bile e le leloko la komiti ya bagwebi ya thibelo borukutlhi kwa letsatsing la ipapatso la bagwebi le rulagantswe ke  khansele ya Lobatse.

Superintendent Moloi o ne a gakolola bagwebi go banka madi nako tsotlhe go itsa bogodu, a tlatsa ka gore gantsi magodu ba a bo ba itse gore bomang ba na le madi mo toropong.

O gakolotse bagwebi go tlhomamisa gore bahiriwa ba bone ga se disinyi ka go  ikopanya le mapodisi go utlwa ka bone pele ga go ba thapa.

Superintendent Moloi o gwetlhile bagwebi go nna le di-alarm kana badisa dikago mo dikgwebong go fokotsa bogodu jo bo gomagometsang go diga dikgwebo ka bontsi.

O ne gape a kopa ba  dikgwebo tse di tona go tsenya dikapa ditshwantsho tsa CCTV mo madirelong go tlhofofatsa go tshwara magodu.

A re magodu mangwe a na le mokgwa wa go reka dilwana mo bagwebing ba dirisa dicheke le dikarata tsa banka, a tlhalosa fa dicheke tse dingwe go fitlhelwa di se na madi kwa bankeng.

O ne gape a tsibosa bagwebi ka madi a maitirelo a a anamang lefatshe ka bophara a re bagwebi ba reke metshine e e tlhatlhobang gore a madi ga se a maitirelo, a tlatsa ka gore bontsi jwa magodu bo dirisa madi ao mo dikgwebong tse di potlana ka ba itse gore ga di na didirisiwa tsa go nna jalo.

Superintendent Moloi o kopile bagwebi gore nako tsotlhe fa bareki ba tsena mo madirelong a bone ba kanoke bareki ba bone, a tlhalosa fa bangwe ba tsena mo madirelong ba tsile go kanoka gore ba ka utswa jang, a tlatsa ka gore fa ba belaela sengwe ba lome mapodisi tsebe ka batho ba go nna jalo.

Rre Moloi o wetse ka go gwetlha bagwebi go inaakanya le komiti ya thibelo borukutlhi mo dikgwebong e a tlhalositseng fa e ka thusa thata mo go lwantsheng burukutlhi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Lobatse

Event : Phuthego

Date : 08 Jul 2013