Breaking News

Komiti ya Matobo e thusa batlhoki

08 Jul 2013

Ba komiti ya badirela puso ya village extension team (VET) kwa Matobo mo kgaolong potlana ya Tutume ba abetse bana ba ba tlhokang dikobo di le lesome le botlhano tse di lopileng  P2 250 kgwedi ya Phukwi e tlhola gane.

Mothusa modulasetilo wa komiti eo, Rre Fani Cooper o tlhalosiste gore madi a a rekileng dikobo tseo ke a ba saleng  ba a kokoanya ka go ntsha lemme  mo dikgwatlheng tsa bone. Rre  Cooper o kaya fa ba bone go tshwanela go tswela kwa  bathong  go thusa fa ba kgonang teng ka go abela bana ba ba tlhokang.

A  re ba lemotsha setshaba fa ba sa lebagana le ditiro tsa bone  tsa letsatsi  le  letsatsi fela  mme ba angwa ke matshelo a ba bangwe. O boletse fa e se la ntlha ba aba ka ba ne ba agela motlhoki mongwe ntlo ya boitlhomelo.

Molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba o ne a galaleletsa tiro ntle e, ka  e le sesupo sa go tshwenyega ka matshelo  a batho babangwe go na le tiro e ba e thapetsweng fela. Molaodi o ne  a ba kgothatsa go  tswelela ka mowa o le mongwe le ka tshwaragano go  direla ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Motsadi wa bana  ba ba  amogetseng dithuso, Mme Kgaleng Tabojose  o ne  a  leboga komiti eo , a kgothatsa dikomiti tsedingwe  mo motseng  go tsaya malebela mo komiting eo di tshwaraganele le  puso ntwa ya  go  nyeletsa  lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Kabo ya dimpho

Date : 08 Jul 2013