Breaking News

Siele o kopa Batswana go nna pelotelele

08 Jul 2013

Mopalamente wa Ngwaketse Borwa, Rre Peter Siele, o kgothaditse Batswana go nna pelotelele ka go emisiwa ga ditlhabololo dingwe ka ntlha ya tlhaelo ya madi e e apesitseng lefatshe lotlhe.

Rre Siele o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Digawana le Lorwana bosheng. A re kwelotlase ya itsholelo e amile ditlhabololo mo go dirileng gore dingwe tsa tsone tse di neng di tshwanetse go dirwa di emisiwe.

O boletse fa seemo se se sa ame Botswana fela a re le mafatshe a Yuropa a a humileng thata, a amilwe ke kwelotlase ya itsholelo. O boletse fa puso e sa itshopara fela, e lekile go dira mananeo mangwe go namola Batswana mo madubedubeng ao. 

Rre Siele, yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o boletse fa puso e dirisitse madi go ntsha namola leuba le go oketsa batho ba ba berekelang mo teng gore Batswana ba tle ba ore wa mariga. A re mananeo a temothuo jaaka ISPAAD, LIMID le a mangwe, a tlhabolotswe gore Batswana ba akole.

O boletse fa leuba le le rotloetswang ke go tlhaela ga pula go dirile gore metsi a tlhaele mo metseng ka bontsi ka gore metswedi ya didiba e kgadile e bile le matamo a setse a kgadile.

Rre Siele o boletse gape gore madi mangwe a a kana ka P1 billion, a dirisitswe go reka dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV. Baagi  ba Lorwana ba boletse fa banana ba se na lefatshe kwa ba ka ruelang teng fa ba se na go fiwa dipodi ke puso le fa ka lemang merogo teng. 

Ba boletse fa lenaneo la twantsho lehuma la nta ya tlhogo le dira ka bonya ka gore dingwe tsa ditsompelo ga di ise di tle kwa bathong. Ba ngongoregile ka bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone mme setshaba se gana go fa bosupi, ba re mapodisi a tsaya lobaka go ba thusa fa ba begile.

Banni ba ngongoregile gape ka boraditerekere bangwe ba ba sa lemeng sentle ka lenaneo la ISSPAAD, bogolo jang ba ba lemang bosigo. Batswana ba ne ba kopiwa go  ema ka dinao mo seemong sa gompieno sa tlhaelo ya madi, ba bolelela gore ba lese go baya sengwe le sengwe mo pusong.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Jul 2013