Breaking News

Temo ya ditselana e na le maduo

08 Jul 2013

Mothusi tona wa temothuo, Rre Oreeditse Molebatsi, o kopile baagi ba metse ya Mokoswana, Kudumatse le Makwate kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba go reka dipolantere go lema temo ya sesha ya ditselana.

Rre Molebatsi o buile mafoko a mo diphuthegong tsa kgotla, tse di neng di tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa metseng eo mo bosheng. 

O tlhalositse fa maduo a temo ya ditselana a nametsa fela thata, ka jalo balemi ba rotloediwa go e dirisa. Mothusa tona o ne gape a kopa banni ba metse e, go thusana thata mo go tsa temo bogolo jang ba ba nang le diterekere go lemela ba bangwe.

O ne a kopa boraditerekere gore ba lemele batho sentle ka ba lemogile fa bangwe ba latlhelela fela ntswa ba bona dituelo. Rre Molebatsi o ne a kopa beng ba masimo go itse gore ke tshwanelo ya bone go sa saenele boraditerekere fa ba sa kgotsofalele tiro ya bone, a re se se ka thusa go fokotsa boferefere.

O ne a tlhagisa baagi gape gore lephata la gagwe le kopane le lephata la tsamaiso ya dikoloi tsa puso gore bakgweetsi ba diterekere ba bogologolo ba ba itseng go lema mme ba se na ditlankana, ba ka ya teng go ya go tsaya ditlankana tsa go kgweetsa diterekere.

Rre Molebatsi o ne a kopa gape le boradirekere  ba ba hirileng batho go lemela balemi gore ba nne ba ya go tlhola gore a badiri ba bone ba dira tiro sentle. A re le bone balemi ba ba lemelwang ba tshwanetse go ipha nako ya go nna teng fa ba lemelwa, gore ba gakolole sentle fa ba bona temo e sa tsamae sentle.

Rre Molebatsi o ne a kopa banni go agelela masimo a bone go itsa diji jaaka dikgomo le dipodi go ba senyetsa, a tlatsa ka go gakolola balemi barui go emisa go fudisetsa mo masimong a ba bangwe.

Mothusa tona o ne a kopa Batswana go inaakanya le temo ya kabakanyo ka go lemogesegile fa e na le maduo a a nametsang.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Jul 2013