Breaking News

Beng ba diterekere ba seopo sengwe

07 Jul 2013

Beng ba diterekere tse di dirisiwang go lemela batho kwa kgaolong ya selemisi ya Mahalapye le Shoshong ba dumalane go tlhama lekgotla.

Maikaelelo a lekgotla le ke go tokafatsa seemo sa temo ka go dirisa lenaneo le le tlhabolotsweng la ISPAAD.

Tumalano e, e dirilwe mo phuthegong e e neng e kopanetswe ke ba lephata la selemisi le beng ba diterekere ba dikgaolo tsa Radisele, Bonwapitse, Kodibeleng, Mmaphashalala, Mahalapye, Setsile, Taupye, Gwape, Modiane le Malepe.

Modulasetilo wa lekgotla leo, Rre  Sekgome Sekgome, o tlhalositse morago ga ditlhopho fa maikaelelo a lone e le go sireletsa dikeletso tsa beng ba diterekere le go thusana dikgwetlho tse ba kopanang natso jaaka go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa lookwane le didirisiwa tsa temo.

Rre Sekgome a re mo malatsing a makhutshwane, komiti ya gagwe e tlaa itebaganya le go sekaseka go kwala molao-mothao le go nnela diphuthego le maloko go ba lekodisa ka ditsamaiso tsa lekgotla la bone le go ngokela maloko a masha mo lekgotleng.

Mogolwane wa balemisi wa kgaolo ya Mahalapye, Rre Akanyang Monyake, o lebogetse beng ba diterekere go simolola lekgotla le ka lone ba ka kgonang go isa dingongorego tsa bone kwa pusong ka lentswe le le lengwe le go adima madi mo dipolokelong go reka didirisiwa tsa temo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 07 Jul 2013