Matlhabelo a a bulwa
07 Jul 2013
Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi Rre Frans van de Westhuizen, o tlhalosa gore kgaolo eo e tlaa nna le matlhabelo a dipodi mo malatsing a a seng kgakala.
Rre van de Westhuizen o ne a tlhalosa jalo kwa phuthegong ya khansele bosheng, le fa a ne a sa supe gore matlhabelo ao a tlaa simolola go agiwa leng, kae.
O tlhalositse gore le fa go sa ntse go buisanngwa ka go aga matlhabelo ao, ke boikarabelo jwa makhanselara otlhe go thusa go diragatsa maikaelelo ao.
Tshwetso ya go aga matlhabelo e tlaa araba dilelo tsa barui ba kgaolo eo, tsa go tlhoka kwa ba rekisang nama ya dihutshane teng, go itshetsa.
Barui bao ba ne ba supile gore temo ga e ka ke ya ba busetsa jaaka thuo, ka jalo go le botlhokwa gore ba e godise.
Bangwe ba barui bao ba ne ba ntshitse le mogopolo wa gore kgaolo ya Kgalagadi e direlwe lenaneo la ISPAAD, le le lebaganeng le seemo sa yone.
Makhanselara ka bontsi a ne a supa gore mafelo a mabedi a go tlaa bong go bolaelwa dihutshane mo go one, ga a a lekana kgaolo eo yotlhe.
Le fa go ntse jalo, mokwaledi wa khansele eo, Rre Joshua Maluleke, o ne a bolelela phuthego eo phetolo e e tswang kwa bagolwaneng ba temo-thuo, e tlhalosa fa go sa tlhokafale gore matlhabelo ao a okediwe. ENDS
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 07 Jul 2013






