Letlhakeng VDC e dira ka natla
07 Jul 2013
Morafe wa Letlhakeng kwa kgaolong ya Kweneng o akgoletse komiti ya ditlhabololo ya motse ya bokone go direla dilo mo pontsheng e bile e na le therisano le morafe.
E rile a bua mo phuthegong e e neng e biditswe ke ba komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa kgotleng ya motse oo bosheng go tla go rola pego ya tse ba di kgonneng le tse ba nang le keletso ya go di dira, mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego Mme Beauty Woto a tlhalosa fa komiti e, e tlhophilwe mo ngwageng o o fetileng, mme go supagala fa maloko a komiti a dira tiro ya bone ka lerato le botswapelo.
O supile fa komiti e e ne e le tlhaga mo go direleng motse wa bone.
O ne a tlhalosa le go re morafe o na le thata ya go tlhopholola komiti fa ba bona e sa tsamaise dilo sentle, ka jalo go sa supagala fa morafe o ne o ngongorega ka komiti eo.
Modulasetilo wa komiti eo Mme Stella Segwagwa, yo o neng a tlogela boloko jwa komiti eo, o ne a tlhalosa fa komiti ya gagwe e ne e gateletse thata mo go ageng letshego la tshaba e e tswelelang, e itirela e bile se fetola dilo.
O tsweletse ka go tlhalosa fa maikaelelo a komiti ya bone e ne e le go rotloetsa merero, tshwaragano fa gare ga bogogi jwa motse le baeteledipele ba dikomiti le mekgatlho ka go farologana mo motseng oo.
O tsweletse ka go supa komiti gore e ne e tsibosa dikomiti mekgatlho le badiri go ema kgatlhanong le tshenyetso setshaba ka go direla dilo mo pontsheng.
Mogokgo wa sekole se segolwane kwa motseng oo Rre Donald Seitsang, o ne a lebogela batsadi ba motse go ema komiti eo nokeng gore e kgone go fitlhelela ditoro tsa yone, a re go supagala fa komiti eo e le boikanyego, jaaka e ne e ntsha dipego go supa tiriso ya madi.
O tsweletse ka go kopa batsadi ba motse go tshwaragana le barutabana gore ba ntshe maduo a a nametsang, a bo a kopa morafe go bereka le dikomiti tse dingwe tsa motse gore go nne le tswelelopele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Jul 2013






