Puso e fefosa kwadiso ya ditsha
07 Jul 2013
Ditlhopha di le lesome le botlhano tse di neetsweng tiro ya go kwadisa ditsha tsotlhe tse di mo lefatsheng leno di abetswe dikoloi di le lesome le bone.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya tsamaiso ya lefatshe [LAPCAS] Rre Makgesi Marata, a re dikoloi tseo di tlaa dirisiwa go fefosa tiro ya go kwadisa ditsha le tiriso ya lefatshe, e e solofelwang gore e bo e weditswe ka ngwaga wa 2016 o ya bokhutlong, mme ba e tshwaraganetse le ba lefatshe la Sweden mo dingwageng tse tlhano.
Rre Marata o boletse fa tiro ya makgotla a kabo ditsha e e leng go baya ditsha le go neela beng ba ditsha setlankana fela, mme go latedisa gore mong wa setsha ke mang le gore se dirisediwa eng e ntse e le bothata.
O boletse fa tiro e, e ntsheditswe didikadike tsa dipula di le 46.8 mme ka jalo ba bona go le botoka go rekela makgotla a kabo ditsha dikoloi e le bontlha bongwe jwa go fefosa tiro.
Rre Marata o kaile fa go hirilwe batho ba le masome a roba bongwe le bosupa go thusa ba ba ntseng ba le teng ba kabo ditsha, mme ba tlaa sekaseka ditsha di le 1 million.
O boletse fa ba batletse batho ba ba dirang tiro eo kapari e ba tlaa e dirisang go dira tiro, e le bontlha bongwe jwa go kganela borukutlhi jo bo ka diragalang le go sedimosetsa Batswana gore ba itse fa batho ba e le ba ba romilweng ke puso.
Rre Marata o boletse fa ditlhopha tse di neetswe ba makgotla a kabo ditsha a Ngwato, Kweneng, Ngwaketse, Malete, Kgalagadi le Kgatleng mme ba tlaa bo ba dirisa dikoloi tse di rekilweng tseo, a bolela fa e tlaa re morago ga go fetsa tiro e dikoloi di abelwe makgotla a kabo ditsha ka go farologana.
O boletse fa lekgotla la kabo ditsha la ga-Malete le filwe dikgwedi tse thataro go wetsa tiro ya go kwadisa ditsha, mme e tlaa re morago fa ba fetsa ba bo ba ya go thusa makgotla a mangwe a kabo ditsha.
Rre Marata o boletse fa setlankana se se abelwang batho se sesha, se siame thata ka se kgontsha Batswana go ka ikadimela madi kwa dibankeng, a tlhalosa fa ba ba tlaa fitlhelwang ba na le ditsha di le dintsi ba ka se gapelwe ditsha fela fa ba di abetswe ka fa molaong.
O rotloeditse Batswana go kwadisa ditsha tsa bone ka jaana ba tlaa bo ba sa lopiwe sepe mme ditsha tsa bone di sekasekilwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ramotswa
Event : Potsolotso
Date : 07 Jul 2013






