Breaking News

Tlhaelo ya lefatshe e a tshwenya

07 Jul 2013

Banana ba mokgatlho wa Ngwaketse South Youth Agricultural Management Association ba motse wa Mmathethe kwa kgaolong ya Ngwaketse Borwa, ba tlhalositse fa ba tshwenngwa ke tlhaelo ya lefatshe e bile ba tlhalosa fa e ba kgoreletsa go godisa temo-thuo mo lefatsheng leno.

Rre Geoffrey Khoane, yo e leng modulasetilo wa mokgatlho oo, o tlhalositse bosheng ka letsatsi la thekiso le ipapatso kwa Mmathethe gore letlhoko la lefatshe le ba baya ka fa mosing.

 A re kgwetlho eo e ba ketefaletsa go atolosa temo-thuo, go direla lefatshe leno dijo.

Rre Khoane a re go a swabisa fela thata gore lefatshe la Botswana le bo le sa ntse le sa kgone go itirela dijo tse di lekaneng e bile le ikaegile ka mafatshe a mangwe le ntswa le na le banana ba ba itekanetseng go ka lema dijo tse di lekaneng, mme ba paledisiwa fela ke go tlhoka lefatshe le ba lemang mo go lone.

A re se sengwe gape se se ba tshwenyang ke letlhoko la metsi a go nosetsa dijwalo tsa bone le leruo, ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse go rekwang mo go bone ka tsone fa go bapisiwa le tse di kwa godimo tsa dijo tsa leruo.

O kopile gore puso e batle lefatshe le e ka le abelang balemi barui ba banana ba ba sa ntseng ba le kwa tlase ka dikonteraka fela jaaka balemi ba ba lemelang kgwebo e rile bosheng ba abelwa dipolase kwa Mosi le Sedibeng kwa kgaolong ya Borolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fatima Lesole

Location : Kanye

Event : Letsatsi la thekiso le ipapatso

Date : 07 Jul 2013