Kamo le Kamo e agela motlhoki
04 Jul 2013
Mothusa mokwaledi mogolo mo lephateng la Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o akgoletse kereke ya Assemblies of God go busetsa seriti sa mokaulengwe wa bone, Mme Keresepe Pitlagano.
O ne a bula semmuso ntlo ya ga Mme Pitlagano yo o ntseng a sena boroko jo bo siameng kwa kgotleng ya Extension 1 kwa Palapye bosheng e e agilweng ke phuthego ya Assemblies of God e e itsegeng ka go bidiwa Kamo le Kamo.
Rre Kaboeamodimo o boletse gore kereke ya Assemblies of God e agetse mosako lefoko la ga Tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama ka go agela Mme Pitlagano bonno jo bo eletsegang. A re ka go dira jalo ba file Mme yo tlotlo le seriti se puso e se eleletsang Batswana botlhe.
Rre Kaboeamodimo o rotloeditse Batswana go tswelela ba thusa Batswana ba ba tlhokileng lesego. A re ntlo ya ga Mme Pitlagano e tlaa nna sekao le bopaki jwa lorato lwa maloko a kereke eo e bile e tlaa nna motswedi wa setho sa Batswana.
O ne a kopa Modimo go segofatsa ba ba tsentseng letsogo mo kagong ya ntlo e o. Mogolwane wa kereke eo Bishop Raphel Habibo o ne a tlhalosa fa Batswana ba tiisiwa moko ke go bona Tautona a abela Batswana dithuso ga mmogo le go ba lekola mo malapeng.
Mme Pitlagano o lebogetse ntlo ya gagwe thata a re kereke e mo tsholeditse seriti ya mo inola mo seretseng e bile o mo seemong se se eletsegang.
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseralele Goya o ne a re batho ba tshwanetse go ipotsa gore ba ka direla lefatshe la bone eng, e seng gore lone le ka ba direla eng. Rre Goya o boletse fa a eletsa Palapye a nna toropo ya borataro ya lefatshe leno.
A re gore toro e e atlege go tlhoka gore go tsewe kgato ya ntlha e tshwana le ditlhabololo tsa mofuta wa ntlo e e agetsweng Mme Pitlagano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Palapye
Event : Pulo semmuso ya ntlo
Date : 04 Jul 2013






