Breaking News

Puso e lela ka dipego tse di sokameng

04 Jul 2013

Mmuso wa re o hakgamadiwa le go swabisiwa ke dipego tse di tsweletseng ka go anamisiwa mo metsweding ya dikgang e e ikemetseng ya lefatshe leno, e mo go yone go lebegang dithamakgorwana le go iphaapaanya le boammaruri e setse e le mokgwa wa tlwaelo

Pego ya mmuso ya re dingwe tsa dikgang tse di akaretsa mahoko a a sa supeng setho le tlotlo mo go Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a gore o amana le go thubega ga lelwapa lengwe, mo kgannyeng e e tsweletseng kwa makgotleng a ditsheko tsa Setswana, le magatwe a gore mmuso o pateleditse Basarwa ba Ranyane kwa Ghanzi go huduga.

Mmuso gape o latotse magatwe a gore agente wa leina la Gordon Bennet yo a neng a emetse Basarwa, o pateleditswe go tswela lehatshe leno ka kgoro. Kgang e nngwe ke ya gore megala ya batho e reediwa ka sephiri le gore lehatshe la Botswana le lejwa ke mahatshe mangwe le le bosula.

Ka jalo, mmuso wa re o bona go tlamega jaanong gore go ntse ebile go le kane go itlhokomolosa dikgang tse le gore jaanong o arabe dikgang tse le go supa se tota e leng boammaaruri. Mmuso wa re dikgang tse di itaya sechaba tsebe le go tlhotlheletsa ketsaetsego ka seemo sa lodula le thokgamo mono Botswana.

Wa re seemo se ga se eletsege ka se etsaetsisa sechaba, bajanala le mahatshe a a tshwaraganetseng ditlhabololo le mmuso, mmogo le baabi ba dithuso le baemedi ba mahatshe a sele mono.

Mmuso wa re go maswabi gore setlhogo sengwe sa koranta ya The Voice ya bosheng jaana, se ne se bolela ha tautona a amega mo thubegong ya lelwapa lengwe, e tla e re tautona a tsenye lebogo mo dikgannyeng tse di sekwang kwa makgotleng a ditsheko.    

Mmuso wa re pego e ya The Voice, ke go tlhokela tautona maitseo le go tshameka ka maikutlo a sechaba ka gore ga go na boammaaruri bope mo go yone.

Mo kgannyeng ya khuduga ya Basarwa go tswa kwa Ranyane, pego ya re koranta ya Sunday Standard le ya The Patriot di ne di e rwele kwa tlhogong go bua magatwe a a senang boammaaruri, a gore mongwe wa leina la Gordon Bennet o lelekilwe mo lehatsheng leno a sena go kgothwakgothwa le go tshwarwa ke ba sepodisi le ba tsa mesepele.

Mmuso wa re ga gona boammaaruri bope mo kgannyeng e. Wa re koranta ya Mmegi hela jaaka e jele tlwaelo, e bile e le mokgwa wa yone wa go bega dikgang tsa lesenyo, e ne ya tlhoma kwa pele kgang ya magatwe a gore lehatshe la Botswana le akareditswe mo mahatsheng a a sotlang babereki le go sa tseye dikgang tsa bone tsia.

Mmuso wa re go mo seding gore koranta ya Mmegi e loka kgang e, ka go bua gore boatlhodi ja lehatshe leno ga bo a gololesega le gore bo nna bo sokamela ka ha mmusong ha bo atlhola ditsheko.

Koranta eo ya re gobo mmuso o kaile ha ditirelo tsa barutabana le tsa ba matlhoko a leruo e le tsa botlhokwa, go raya gore badiri ba tsone ba beilwe ka  ha mosing, ka ga ba letlelelwe go tsena mo go ngaleng ditiro.

Mmuso wa re se se tshwenyang ka dipego tse ke gore metswedi ya dikgang e e di gasagasang, ga e ise ka nako epe e itshwenye go di rurifatsa le ba ba ka di arabelang, le go supa gore ba ba lebaneng ba ganne go araba ha ba bodiwa.

Puso ya re dikgang tse di senang boammaaruri jaana, di gomagometsa itsholelo ya lehatshe leno, thitibalo ya lone ya sepolotiki le ka ha le lejwang ke mahatshe a mangwe ka teng.

Mmuso wa re go papametse gore maikaelelo ke go tlhobosa puso ya nako eno, go gabilwe go bona dipoelo tsa go rekisa dikgang, le go iphitlha ka sepolotiki maikaelelo e le go tladika ina le lentle la bogogi ja lehatshe leno.

Wa re le fa go ntse jalo, lehatshe leno le tlaa tswelela ka go tlotla kgololesego ya bobegadikgang le mmua lebe go bua la gagwe. Wa re go dirwa jaana go tlotla tsamaiso ya puso ya batho ka batho, thitibalo ya sechaba le pabalesego ya sone.

Mmuso wa re o solofela gore metswedi ya dikgang e bege ka boammaaruri le boikarabelo go tsamaelana le boitshwaro jo bo solofelwang mo bobegeng-dikgang. Puso ya re e tlhomamisetsa sechaba le mahatshe ka kakaretso gore lehatshe leno, le tlaa tswelela ka tsamaiso ya puso ya batho ka batho, e mo go yone molao o sa tlhaoleng ope.

Ya re ke sone se metswedi e e tsweletseng ka go senya lehatshe leno leina, e sa kgorelediweng ka gope mo tirong ya bobegadikgang ja dikoranta, diromamowa le maranyane a internet.

Mmuso wa re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go akarediwa bobegadikgang go tlotla seriti le tshwanelo ya yo mongwe, go tsamaelana le molao mothao wa lehatshe leno. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Pego ya puso

Date : 04 Jul 2013