Ba itumelela go ya Mahalapye Bophirima
03 Jul 2013
Batho ba metse ya Tewane le Mmadipheretha ba amogetse mogopolo wa gore ba tlaa wela mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima mo ditlhopong tse di tlang.
Ba buile jalo fa mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele a ba rolela mafoko kwa dikgotleng tsa metse eo Seetebosigo a le masome mabedi le borataro.
Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa kokoano eo gore kgaolo ya bone e tlaa tswa kwa Shoshong mme e nne bontlha bongwe jwa kgaolo ya Mahalapye Bphirima e monakong eno e e eteletsweng pele ke mopalamente Rre Bernard Bolele.
Rre Makgalemele o ne a re e re le ntswa tshwetso eo e mo utlwisitse botlhoko o a e amogela, a re e tlaa thusa gape le go fokoletsa batho ba Tewane le Mmadipheretha mosepele wa go ya Shoshong. A re o ne a santse a solofetse go ba direla ka botlalo le ka bonatla.
Mo dikganyeng tse dingwe Rre Makgalemele o ne a kopa batho ba Tewane go ipaakanyetsa go ka tlhabologa, bogolo jang ka motse wa bone o bapile thata le Mahalapye. O ne a ba kopa gore ba dirise sebaka se go tlhabolola matshelo a bone, ba rue ba leme mme ba nne boremelelo jwa kgwebo nngwe go tsholetsa itsholelo mo motseng wa bone.
Fa a lekodisa ka ditlhabololo tsa motse, modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tewane, Mme Ditebogo Kaiyosi o ne a kopa gore motlakase o gogelwe mo motseng.
Mopalamente Makgalemele o ne a tlhalosa fa itsholelo e sa ntse e sa letle go ka gokela motlakase mme a re o mo dipuisanong le ba motlakase wa marang a letsatsi go dirisiwa mo motseng wa Tewane. Mopalamente Makgalemele o ne a aba lebone le le dirisang marang a letsatsi go dirisiwa mo kgotleng ya motse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phutlhego ya kgotla
Date : 03 Jul 2013






