Breaking News

Dikereke le bogogi di tshwanetse go dirisanya

03 Jul 2013

Kgosi ya Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Edwin Ramokobetwane o kopile baruti ba dikereke tsa motse oo go dirisanya le bogogi jwa motse mo ditirong tsa ditlhabololo.

E rile kgosi a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke bogogi jwa motse oo Seetebosigo a le masome a le mabedi le bosupa, a tlhalosa fa dikereke e le botshabelo jwa mongwe le mongwe mme fa baruti ba ka tshwaragana le bogogi jwa motse go ka tswa maduo, botlhoka tsebe ja fokotsega gammogo le gone go itontela dino ga banana.

Kgosi o ne a kopa botlhe ba ba nang le seabe go netefatsa gore dikereke tsa bone di kwadisitswe ka fa molaong go itsa go tlala ga tsone gongwe le gongwe le gone go kopa ditsha gore dikereke di emise go tsenela mo malwapeng.

O kgothaditse dikereke go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse. Kgosi o supile fa dikereke di phatlalala gantsi ka go lwelwa maemo le go ja madi, mo go ka fedisiwang ka go a baya mo dibankeng.

Kgosi Ramokobetwane o bile a gakolola banana ba motse oo go tsena dikereke gore ba kgone go fapoga dihawa tse di lebaneng banana ba lefatshe leno jaaka go tsenwa ke malwetse a a farologaneng ntateng ya go itontela majalwa, a kopa baruti go kgothatsa maloko a dikereke tsa bone go dira loaro le le babalesegileng la borre ga mmogo le gone go itlhatlhobela mogare wa HIV.   

E rile mothusa kgosi, Rre Othusitse Mosimane a tlatsa a kgothatsa morafe go tsena kereke ka tlhoafalo le go nna boikanyego. Mothusa kgosi o kaile kereke le bogosi e le ditiro tse pedi tse di tshwanang mme tshwaragano e ka nna phenyo mo go tse tsotlhe.

Mothusa kgosi o kopile lekgotla la baruti go ema ka dinao go bontsha morafe ka mosola wa go tsena kereke. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Jul 2013